Breaking News

Seabe sa batsadi se itumedisa dikgosi

29 Jul 2015

Kgosi ya tetlanyo mo kgotleng ya kgosing kwa motseng wa Thamaga, Kgosi Setlhomonyane Koboyakgomo a re o itumelela tirisanyo mmogo ya batsadi ba motse oo morago ga gore o farafarwe ke dikgang tsa botlhoka tsebe.

E rile a bua mo potsolosong le motswedi wa dikgang wa BOPA Kgosi Koboyakgomo o tlhalositse fa batsadi ba motse wa Thamaga ba dirisanya le bone sentle thata go laola botlhoka tsebe jo bo neng jwa apara motse wa bone dikgwedinyana tse di fetileng.

O tlhalositse fa e ne e rile pele, batsadi ba bo ba ne ba sa begele mapodise le magosi fa bana ba bone ba dira botlhoka tsebe ka go ne go lemosega fa bane ba na le letshogo le le ntsi mo baneng ba bone.

Kgosi Koboyakgomo o ne a tlhalosa fa se sene sa ba tshwenya thata mme ba tsaya matsapa go ruta morafe ka botlhokwa jwa go begela ba bogosi le sepodise fa bana ba dira sepe se e ka tswang e le botlhoko tsebe.

O tlhalositse fa mo malatsing ano, batsadi ba tsisa bana ba bone kwa kgotleng go tla go tsenngwa mo tseleng fa ba tlhoka tsebe, mme ebile a tlhalosa fa a itumedisiwa ke batsadi ba ba tsisang bana ba bone kwa go bone ka dithoto tse ba belaelwang ele tsa bogodu.

O ne a tlhalosa fa se e le sone sesupo tota fa batsadi ba ikemiseditse go lwantsha botlhoka tsebe le borukutlhi mo motseng.

O tlhalositse fa seemo mo motseng se ritibetse ntswa go santse gona le botlhoka tsebe fale le fale, mme a rotloetsa batsadi go tswelela ba tsisa bana kwa kgotleng a tlhalosa fa thupa e thusa go aga ngwana fa a tswa mo tselengMotshwarelela mookamela mapodisi a Thamaga Ass Supt.

Otsile Gaboinewe o ne a tlhalosa fa e le ruri tirisanya ya batsadi e le teng ebile e itumedisa ka jalo se se tlhofofatsa tiro ya bone e le mapodisi.

O ne a rotloetsa morafe go tswelela ka mowa o o wa tirisanyo mmogo a tlhalosa fa batla felela ba kgonne kgang e ya botlhoka tsebe mo motseng.

Mongwe wa batsadi ba ba neng ba itoma molomo wa tlase go thusa go laola botlhoka tsebe mo motseng Rre Justice Mmereki, o ne a tlhalosa mo potsolosong fa a na le ngwana yo o sa utlweng mme a nna fela a mo isetse kgotleng go gagamadiwa phogwana.

Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa a itumelela gore go na le batsadi ba ba setseng ba kgona go dira jaaka ene ebile a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo.

O ne a tlhalosa fa se e le kgatelo pele ya morafe mo go lwantsheng botlhoka tsebe mo motseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 29 Jul 2015