Breaking News

St Anne e abela mo-na-le bogole

29 Jul 2015

Kgosi Madome Madome wa kgotla ya ga Pitse mo Bobonong, o akgotse mokgatlho wa bo mme ba St Anne go tswa mo kerekeng ya Roman Catholic morago ga gore ba agele mo-na-le bogole ntlo mo Bobonong ka Labotlhano (Phukwi 24), a supa fa seabe sa kereke e le go supa lorato mo setshabeng.

Fa a bua kwa tirong ya go bula ntlo eo e e agetsweng Mme Lesedi Senthu wa kgotla ya Sekwadela, o tlhalositse fa se se dirilweing ke bomme ba St Anne se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Bomme ba St Anne ba ne gape ba agela lelwapa leo ntlwana ya boitiketso, go agelela lelwapa le go gokela pompo ya metsi.

Fa a tswa la gagwe Mme Bernadette Monagen, modulasetilo wa kgaolo ya bokone ya St Anne Francistown a re e le maloko a kereke ya Roma, ba itlamile go tswa thuso e e ka fetolang matshelo a batho.

Mme Monagen a re ba itlamile gore bokopano bongwe le bongwe ja ngwaga le ngwaga ba direle mongwe sengwe mo lefelong le ba tlaa bong ba tshwere tiro ya bone teng.

Mme Monagen o supile fa mo makopanong a a fetileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole, dijo, le dikobo, mo metseng e e farologaneng.

Mme Lorato Morapedi, mogolwane wa banka ya ditlhabololo tsa setshaba (NDB) o ne a akgola bomme ba kereke e gore ba bo ba kgonne go dira tiro ya serodumo se se kalo mo nakong e khutshwane.

A re e le ba NDB ba tla feleletsa ntlwana ya boitiketso gammogo le go agelela lelwapa leo fa ba kereke ba sa kgonang teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Basuti

Location : Bobonong

Event : Kabo dimpho

Date : 29 Jul 2015