Kgaolo e baakanyetsa ditshupo
29 Jul 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa temo- thuo tsa kgaolo ya Kweneng Bophirima Rre Jacob Lebeko a re dipaakanyetso tsa ditshupo tseo, tse di tlaa tshwarwang ka Matlhatso (Phukwi 25) mo Letlhakeng di tsweletse sentle.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa komiti ya gagwe e eme malala a laotswe go netefatsa gore ditshupo tseo di tsamaya ka thelelo.
A re o itumedisitswe ke kgatlhego e balemi ba e supileng ka go tsisa disupiwa le ntswa ba dikile ba sa bona sepe kwa masimong.
O kaile fa barua kgomo le bone fela jalo ba kaile fa ba nyoretswe go tsenelela ditshupo tseo go tla go supa leruo la bone.
Rre Lebeko o kaile fa tona ya temo-thuo, Rre Patrick Ralostia e le ene a tlaa bulang ditshupo tseo semmuso, mme a re ba rulagantse motseletsele wa ditiragalo jaaka mabelo a dipitse e le go leka go oka setshaba.
Rre Lebeko o kaile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le letlhoko la dikoloi go fitlha kwa baleming ba ba kgakala.
Le fa go ntse jalo o ne a iteela ba ofisi ya ga molaodi mo kgaolong le ba selemise legofi go bo ba eme komiti e e rulaganyetsang ditshupo tseo nokeng mo dipaakanyong le go ba thusa ka dikgakololo.
O kopile morafe wa Letlhakeng le metse e e mabapi go tsenenelela ditshupo tse go tla go ithuta mo baruing ba ba setseng ba le mo kgwebong le balemi ba ba gatetseng pele ka motsalwa pele a boletse a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 29 Jul 2015






