Breaking News

Bophepa bo ka godisa bojanala

29 Jul 2015

Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata mo kgaolong-potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore tikologo ya motse oo e nne phepa e bile e kgatlhisa ka jaana seo se ka oka sa ba sa godisa bojanala.

Kgosi Rancholo o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re motse wa Nata ke lengwe lefelo le bontsi jwa bajanala ba fetang ka lone go ya mafelong a a farologaneng a bojanala a a mo bokone jwa lefatshe leno.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Rancholo a re o santse a sa itumedisiwe ke go bona bangwe banni ba motse ba tsweletse ka go dira ditiro tse di bakang kgotlelesego ya tikologo.

A re ntswa go na le lefelo le le dirilweng e bile le ageletswe go ka latlhelwa matlakala ka go farologana, bangwe ba le itlhokomolositse ka jaana ba felela ba latlhela matlakala le mo thoko ga tsela.

Kgosi Rancholo a re bangwe boradikonteraka ba tshololela matlakala go tswa mo dikagong tse ba di dirang gongwe le gongwe fa bangwe le bone ba tsweletse ka go tshololela leswe le le gopilweng mo matlwaneng a boitiketso mo tseleng e e yang merakeng.

Kgosi o rotloeditse banni ba motse go tlhoma ditiro tsa go nna jaana matlho, a re tikologo ya Nata le ya metse e e gaufi e tswanetse go nna mo seemong se se ka kgatlhisang.

O supile go na le ditsa tlholego tse di farologaneng tse di ka okang tsa ba tsa rotloetsa bojanala mo motseng.

Kgosi Rancholo a re dilo di akaretsa ditso tsa motse, makgadikgadi, dingwe ditlhare, letswai la tlholego le le ikadileng le tse dingwe tse di bonalang mo tikologong di ka dirisiwa go kgatlhisa bajanala e bile di ka sologela motse o molemo.

Go sa le foo Kgosi Rancholo o supile fa a sa itumedisiwe ke bogodu jwa leokwane jo bo diragalang fa dikoloi tsa megobagoba tse di rwalang dithoto di emang teng ka nakwana pele di fetela kwa mafelong a mangwe.

A re gangwe le gape ba tsweletse ka go amogela dikgang tsa borukutlhi jo, a re le ntswa ba leka go busetsa seemo mo taolong maiteko a bone ga a tswe tema.

Kgosi Rancholo a re bangwe ba ba tsweletseng ka go reka le go amogela lone leokwane le ke bone ba digang maiteko a a dirwang tebang le go rarabolola bothata jo.

Kgosi o bile gape a supa fa thekiso ya leokwane leo e le borai ka jaana e ka baka tlhagogo ya melelo gape e kgotlela tikologo, a supa fa leokwane leo le tshologela fa fatshe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Nata

Event : Potsolotso

Date : 29 Jul 2015