Breaking News

Phutho matimela e tsweletse

29 Jul 2015

Mogolwane mo ofising ya matimela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng Rre Lerang Phala o boletse fa ofisi ya bone e tsweletse ka go phutha matimela mo kgaolong.

E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la bobega dikgang la BOPA a tlhalosa fa phutho e tsweletse e bile ba rotloetsa barui go tsamaela kwa masakeng a matimela go ya go bona leruo.

Rre Phala o tsweletse ka go kopa barui botlhe ba ba nang le leruo le ba sa le itseng go begela ba ofisi ya gagwe kgotsa ba bogosi gore le tle le kgone go batlisiwa beng ba lone go na le go didimala fela. O tlhalositse fa phutho e tsaya malatsi a le lesome le bone.

O tsweletse ka go supa fa ditlhwatlhwa tsa go golola leruo di ise di fetoge, mme kgomo e le nngwe e gololwa ka P2.50 fa dihutshane,dipitse gammogo le dikolobe di gololwa ka P1.50 go ya ka temana ya bosupa ya molao wa matimela.

O supile fa dikgwetlho tse ba kopanaqng le tsone e le go senyega ga dikoloi mo go felelang go baka tiego mo go phutheng matimela, mme a tswelela ka go supa fa ba dirisa teraka e le nngwe mo e reng fa e senyegile go bake tiego. Ends

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 29 Jul 2015