Breaking News

Tlhopho ya leina la motse e ka Matlhatso

29 Jul 2015

Banni ba motse mongwe o o senang leina kwa Tswapong ba tla a tlhopha leina la motse ka Matlhatso, Phatwe a rogwa.

Se, se tla morago ga gore banni ba seka ba tlhopha jaaka go ne go solofetswe Phukwi a le masome a mabedi le bosupa.

E ne e rile bosheng, Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane a bolela fa letsatsi la tlhopho ya leina la motse e tla a nna kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.

Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa seka tsa tsamaya jaaka go ne go solofetswe.

Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Palapye, Rre Keabetswe Lesiela, le ba ofisi ya gagwe ba ne ba ipapana go tsamaisa ditlhopho, mme ya re bosigo jwa Tshipi ba amogela mokwalo o o neng o tlhalosa fa jaanong go sa ye go tlhophiwa leina, mme go ya go kwadisetswa batho go tlhopha leina. 

Mokwalo wa taelo o ne o tswa kwa kgotleng kgolo ya ditsheko kwa Lobatse.

 Mokwalo wa ga Moatlhodi Busang o ne wa supa fa jaanong tshwetso eo e sena go nna jaaka e ntse morago ga gore lekgamu lengwe le tsenye boikuelo jwa go sa dumelaneng le tshwetso ya phuthego ya kgotla ya Seetebosigo a tlhola malatsi a a masome mabedi le bongwe.

Molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Thobo Mapitse a re kgotla kgolo e ne ya ntsha tshwetso ya gore, letsatsi leo jaanong le tlaa dirisiwa go kwadisa maina a ba ba tlaa tlhophang, le gone gore morago ga kwadiso, maina a tlaa bewa kwa kgotleng mo paananeng gore mongwe le mongwe a bone gore a leina la gagwe le teng le gone go sekaseka tse e ka nnang dikgoreletsi.

Mokwalo o ne gape wa re ikwadiso e simologe ka dinako tsa tiro e bo e wela ka nako ya tiro ya maitseboa, le gone gore fa go na le se ba se belaelang morago ga go ntshiwa ga maina ba buisane ka mowa o o edileng le motsamaisa ditlhopho. Motsamaisa ditlhopho o na le tshwanelo ya go dumelana kana go gana kafa ene a tlaa bong a bona go sa kgoreletse ditlhopho go tsweledisiwa ka teng.

Mme Mapitse o ne a tswelela a tlhalosa fa ditlhopho tse di yang go nna ka Matlhatso le tsone fela jalo di beetswe dinako tsa tiro tsa puso.

Go ne ga ikwadisa batho ba le 1 901.

Kgang e, e tsetswe ke gore ka dingwaga tsa bo 1990, dikgotla tse nne tsa Motoposane, Raphiri, Matolwane le Lesenepole dikopangwe go nna motse ole mongwe.

Mo go kopaneng ga bone, banni ba dikgotla tse ba ne ba seka ba dumelana gore motse o bidiwe mang, bangwe ba re motse ke Matolwane fa bangwe ba ne ba re Lesenepole.

Se, se ne sa dira kgotlhang fa gare ga morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 29 Jul 2015