Breaking News

Dirisang mananeo - Mosupi

28 Jul 2015

Motshwarelela mothusa mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr Pharoah Mosupi, o kopile balemi ba kgaolo -potlana ya Tutume go dirisa mananeo a puso go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong.

Dr Mosupi o ntshitse kopo eo ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume tse di neng di tshwerwe kwa Tutume ka  Matlhatso (Phukwi 25).  A re balemi ba kgaolo eo ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo.

O ne a tlhalosa fa balemi lefatshe ka bophara ba teratetse masimo a bone ka ditlhopha mme mo kgaolong eo ba le bonya go dirisa lenaneo la ISPAAD la go teratela masimo ba le setlhopha.

O ne a ba gwetlha go tlogela mokgwa oo, a re ba dirise lenaneo leo ka le thusa thata go kganela leruo go senyetsa balemi dijalo.

A kopa banana go tlhalosetsa batsadi ba bone ka mananeo ao gore ba a tlhaloganye le go ba rotloetsa go a dirisa.

Dr Mosupi o ne a akgola balemi bao, a re le ntswa seemo sa loapi e le se se sa ikanyegeng  ba kgone go tsisa disupiwa kwa ditshupong, le tsone di supiwa tseo di bonala gore balemi-barui bao ba ne ba le mo moonong le dithuto tse ba neng ba di fiwa ke balemi.

O tswelete a ba kopa go dirisa maranyane a sesha a temo go inaakanya le seemo sa phetogo ya loapi se se amang dijalo tsa bone.

A re seemo seo se gwetlha balemi go dirisa maranyane ao a go jala ka ditselana, go tshela monontshane, go jala dipeo tse di bogadi bo gaufi le go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha.

O ne gape a ba gwetlha go lebelela gore kgaolo e ba mo go yone e siametswe ke dipeo dife tse di kgonang go e itshwarelela ka dinako tsa komelelo go na le go lema mmidi o montsi go be go ya go nna tatlhegelo.

Re Mosupi o ne a kopa balemi-barui bao go thusa puso ka dipodi gore go kgonwe go thusa ba bangwe.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Mmoloki  Chizhala o ne a supa fa go santse go  na le phatlha e tona thata magareng ga badirelapuso le morafe.

O tlhalositse fa go tlhoka go lomagana moo go dira gore ditshupo tsa bone di seka tsa tsamaya sentle.

Rre Chizhala o boletse fa maphata a sa ba fe thotloetso gape le go tsisa di supiwa ba sa dire jalo, kana ao a a thusang batho jaaka a nyeletso lehuma ga ba rotloetse batho bao go tla go itshupa.

Fa a leboga, modulasetilo wa khansele potlana o ne a tlhalosa fa marekisetso mangwe a dijo tsa leruo a santse a gana go fokotsa ditlhwatlhwa.

A re ba bolela fa go tsaya nako go duelwa. Rre Mokgethi o ne a ngongorega ka marekisetso a puso a melemo ya leruo le dijo tsa tsone, a re a nna a tlhaelelwa ke dithoto tseo ka jalo a kopa gore ba leke go reka mo go tsayang nako go thusa balrui. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Tutume

Event : Ditshupo

Date : 28 Jul 2015