Tsamaiso ya lefatshe e tshwanetse go salwa morago
28 Jul 2015
Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala, a re ga a itumedisiwe ke ka fa morafe wa gagwe o leng maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla ka teng.
O buile se fa a amogela baeng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekalana la Self Help Housing Agency (SHHA) le ba kabo ditsha go tswa Palapye
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Maunatlala, Rre Botlhagile Botsile, o rotloeditse morafe go tlhabolola ditsha tsa bone mo lebakeng le ba dumalaneng le ba kabo ditsha la dingwaga tse tlhano.
O ne gape a kopa gore ba lese go ikokeletsa lefatshe le ba le abetsweng. A re ba tshwanetse go kopana le ba kabo ditsha gore go salwe tsamaiso e e maleba morago.
O ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go nna le mowa wa tirisanyo mmogo ka gore bontsi jwa nako ba amogela dingongorego go tswa kwa baagisanying ba tlhalosa gore ba abetse batho bontlha bongwe jwa ditsha tsa bone.
Maikaelelo magolo a phuthego eo e ne e le go tla go ruta setshaba sa Maunatlala ka Lenaneo la SHHA.
Mme Bathusi Oduetse wa lekalana la SHHA o ne a ba tlhalosetsa ka lenaneo leo le tsamaiso ya go ikopela madi a dithuso.
Mme Oduetse o ba tlhaloseditse gore go thusiwa Batswana ba ba dirang e bile ba amogela madi a selekanyo se se kwa tlase gape fa ba dikgwebo le balemi-barui le bone ba ka akola lenaneo leo.
A re fa o le dingwaga tse 18 go ya go 60 ebile o na le setlankana sa setsha o na le tshiamelo ya go ka thusiwa.
A re moikopedi ga a tshwanela go bo a kile a dirisa lenaneo la SHHA gope ebile ba ba nyalaneng ka tlhakanelo ya dithoto ba thusiwa ba kopantswe e seng ka bongwe ka bongwe.
A re ba tlhokana le moriti wa kago e e rurifaditsweng ke ba dikago ba khansele .
O ba tlhaloseditse gore lenaneo la SHHA le mehuta mebedi, go na le kadimo ya kago e ncha le a kadimo a dirisiwa go aga ntlo e ntsha mo setsheng se se sa tlhabololwang.
A re kadimo ga e na tshireletso ebile e duelwa mo sebakeng sa dingwaga tse di masome a mabedi.
Kadimo ya bobedi yone a re e bidiwa kadimo ya go oketsa, go feleletsa kana go baakanya kago e e ntseng e le teng mo setsheng. Kadimo e, a re e dirisetswa go reka didirisiwa tsa kago le go duela moagi fela.
Kadimo e gape a re e ka dirisiwa go feleletsa ntlo e dikamore di sa feteng botlhano, ntlo e e okediwang kana e e tlhabololwang.
A re gape kadimo e ga e na tshireletso. Dikadimo tse tsotlhe ka bobedi ga di na morokotso. Morokotso o tsena fela fa o sa duele kgwedi le kgwedi, o tsena e le lesome mo lekgolong wa madi a a saletseng kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Batlhalefi Kenyaditswe
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Jul 2015






