Go kwadisa ditsha go ka fema dikgotlhang
28 Jul 2015
Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha mo kgaolong potlana ya Shakawe Mme Kukumbera Morotse o kopile banni ba motse oo go kwadisa ditsha tsa bone go thusa go rarabolola dikgotlhang tsa lefatshe le gore setsha sengwe le sengwe se tle se fiwe nomoro.
Mme Morotsi o buile seo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke lephata la bone le dikgosi, bogogi jwa motse le maphata a puso ka go farologana bosheng.
O tlhalositse fa maikaelelo a kwadiso eo a gwetlhilwe ke gore ditsha tsotlhe le tsa bogologolo di itsiwe le gore ditsha ga di na dinomore ka di sa potielwa.
Mme Morotsi a re seo se tlaa thusa gore go lemogiwe lefatshe le le sa abiwang gore le tle le baakanyetswe go abiwa.
O ne a supa fa moalo wa ditsha tsotlhe o tlaa thusa maphata a puso go isa ditlamelo jaaka metsi, motlakasi, ditsela, le tse dingwe fela jalo kwa ditsheng ka bofefo.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba sa jesiwe diwelang ke dikgotlhang tsa lefatshe tse di bakwang ke go lwela melelwane le go tlhatlagangwa ga ditsha.
E rile fa a mo kgwa dikgaba, mokwaledi wa lephata leo Mme Dorcus Mokete o gakolotse fa go tlhokega setlankana sa peo, Omang o o mo tirisong le mokwalo ope fela o o ka thusang kabo ditsha go netefatsa peo.
O ne a kopa batho go epela mekono mo ditsheng le go tlhomamisa gore mekono e tsamaelana le dipalo tse di mo setlankaneng sa peo. O ne a gakolola batho gore ba tshwanetse go rarabolola dikgang tsa boswa le go tlhomamisa fa bosupi jwa peo bo le teng.
Fa a araba kgosi Mboma Diriro yo o neng a kopa go tlhalosediwa gore motho fa a na le ditsha lefatshe ka bophara o di kwadisa jang, Mme Mokete o ne a re: “motho o tshwanetse a kwadisa ditsha tsa gagwe fela tsotlhe. Re seka ra tshaba gore re tla di amogiwa kana jang ka gore gompieno batho ba reka le go rekisa ditsha”.
O ne a supa fa ope yo o sa kwadiseng setsha sa gagwe lefatshe ka bophara a tlaa se amogiwa mme se abelwe ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kesentseng Baagedi
Location : Gumare
Event : Phuthego
Date : 28 Jul 2015






