Breaking News

Bomme ba monela marulana pele

28 Jul 2015

Bomme ba balemi ba kgaolo ya Tutume ba simolotse go ipaakanyetsa temo ka go dira metshelo e mo go yone ba kokoanyang madi a a tlaa ba thusang mo temong.

Metshelo eo e rotloeditswe ke bomme ba ba mo komiting ya balemi ya Tonota,Tutume le Masunga (TOTUMA Farmers Committee).

Fa a bua ka letsatsi la motshelo oo o o neng o diretswe Mme Botswana Mapho kwa Tutume , Mme Felicious Monna o ne a bolela fa maloko a le lekgolo le masome a matlhano mme ba ikgaogantse ka ditlhopha tsa maloko a le lesome le bobedi.

Mme Monna a re go dira motshelo wa go nna jalo e ne e le go kopana le balemi ba bangwe ka ba ne ba lemogile fa wa esi o sa ele ka jalo ba bona go tshwanela go nna seopo sengwe go tla go rutana ka maele a temo bogolo jang ba lebile dikgwetlho tse di tlisiwang ke phetogo ya loapi.

O ile a tlhalosa fa ba setse ba lemogile phetogo e tona fa e sale ba simolodisa metshelo eo dingwaga tse pedi tse di fetlileng.

A tlhalosa fa madi a ba a tshelelang maloko a dirisiwa mo ditirong tsa temo gore molemi a seka a nna le go ipata ka sepe.

Mme Monna a re go dira motshelo oo e ne e le go bopa bomme go nna le mowa wa lerato go tlogela mokgwa o ba o tsayang ba sa dire sepe ba dikologa le meriti le tshele.

A re gape fa ba kopane ba rotloetsa balemi bangwe go lema ka ditselana, go ntsha mehero le go tsenya menontshane mo masimong a bone, a re ba kgona go nna le letsatsi le ba etelang masimo a bangwe go ya go bona ka fa ba lemang ka teng go tsaya malebela.

O ne a supa fa balemi ka bontsi ba setse ba kgatlhegetse motshelo oo mo ebileng o gola nako le nako. A re seo se ba fa monyenyo ka ba bona fa ba tlaa nyeletsa lehuma le mokgwa wa bogologolo o balemi ba neng ba lema ka go gasa.  

A gatelela ka gore go tsena ga baikopedi ka dipalo tse dintsi go supa phetogo e ntsi ya mokgwa wa go lema ka ba rotloetsa go lema ka ditselana mongwe le mongwe wa leloko la bone go sa lebelelwe gore o dirisa eng go lema.

Mme Monna o ne a tlhalosa fa bontsi jwa maloko a balemi ba tswa Tutume, a gatelela ka gore go setse go supa fa go na le bangwe ba ba tswang kwa metseng e e mabapi ba ba setseng ba itshupile fa ba na le kgatlhego ya go ka gokagana le bone.

Fa a tswa la gagwe, Mme Botswana Mapho o ne a bolela fa motshelo oo o ile wa mmula matlho morago ga go bona ka fa ba leng lorato ka teng, thuto ya bone ka temo, tirisano mmogo le tshwaragano ya bone le maloko ka jalo le ene a inaakanya le bone ngogola.

Mme Mapho a re balemi bao ke ba ba ititeileng sehuba gore ba tlaa jesa Batswana gape ba tlaa nyeletsa lehuma le masimo ga a na go jewa ke mhero ka ba bereka ka pelo e le nngwe le lorato go ntsha maduo a ba itlamileng go a dira. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Motshelo

Date : 28 Jul 2015