Dikole tsa diatla di thusa mo-na-le bogole
28 Jul 2015
E rile ka mafelo a beke, dikole tsa ditiro tsa diatla tsa Madiba Brigades, Zwenshambe Brigade le Maun Techinical College tsa abela mo-na-le bogole dikobo le dijo kwa kgotleng ya Madiba 14 kwa Mahalapye.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela Thebeyame Moilwa yo o dingwaga di lesome le borobabongwe, Kgosi Rabuwe Montwedi a tlhalosa fa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong e le selo se segolo fela thata.
Kgosi Montwedi a re ga go a tshwanela gore e re motho a bona yo a bapileng le ene a sena sepe a tlhoke go mo thusa ka go le sego letsogo le le abang.
O ne a leboga boeteledipele jwa dikole tseo go bo ba seka ba ipona tsapa mme le bone ba batla go nna le seabe mo setshabeng, ka go abela ba bangwe, a tlatsa ka gore o solofela fa se ba se dirileng se tlaa gola.
E rile a tswa la gagwe, mogolowane go tswa kwa Madiba Brigades, Rre Tshobowe Ntsaagae a tlhalosa fa mo go simologile e le toro e ka yone ba eletsang go e diragatsa.
Rre Ntsaagae o ne a tlhalosa gore e le ba dikole tsa ditiro tsa diatla ba nna le bokopano jo ka jone ba nnang le metshameko ya botsalano mme ba ikaelela gore botsalano jo ja bone e re fa ba kopane ba ne ba thusa setshaba se ba tshelang le sone.
A re fa ba kopane ka metshameko e ba kgaogana dikitso le go fana maele a gore ba ka direla setshaba eng go bona gore le bone ba nna le seabe mo mafokong a boeteledipele jwa lefatshe gore batho ba thusane.
A re ba ne ba dira tiro e e ntseng jaana fa ba etetse kwa Maun mme le bone e le ba Madiba ba kgothatsana gore nako e, metshameko e e tsileng mo go bone ba bone gore ba dira sengwe.
Fa a bua maikaelelo a metshameko e, mokwaledi wa komiti e e rulagantseng letsatsi leo Mme Boitshwarelo Moseki o ne a tlhalosa fa maikaeleo a bone e le go rotloetsa botsogo jo bo siameng, go itshidila mmele ka mesthameko, mabelo le tse dingwe.
Mme Moseki a re gape fa ba tshwere metshameko e, ba fana maele a gore ba ka direla setshaba eng, le bone ba thusa ke ka moo ba boneng go le mosola go abela Thebeyame.
A re se ba se dira fela ka lorato, mme ba ne ba ikopanya gore mongwe le mongwe a ntshe ‘Thebe’ go rekela dilwana tseo tse di akaretsang dijo, materase le dikobo go thusa Thebeyame ka e le ene yo ba mo tlhophileng.
Mme Moilwa a re e le ba Madiba, maiteko a, ke a bone a ntlha mme ba solofela go dira go feta mo nako e e tlang, a tlatsa ka gore ke ka mowa wa lerato fela ba kgonneng go dira jalo.
Letsatsi le le ne la ketekwa gape ka metshameko ya bolotlowa, kgwele ya dinao le mabelo le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa go aba
Date : 28 Jul 2015






