Ba kgothaditswe go tsenya letsogo mo go tsa boranyane
28 Jul 2015
Banana ba Shakawe ba rotloeditswe go tsaya sebaka ka maranyane a a tlhabolotsweng go itlhamela mebereko goreba inamole mo lehumeng.
Seo se builwe ke Rre Ditsotlhe Ketlogetswe, yo e leng morutuntshi wa ba kgaso mo kgaolong ya Bokone Bophirima le Ghanzi mo dithutong tsa boranyane jwa digital tse di neng di tlhatlheletswe kwa kgotleng kgolo ya motse bosheng.
Rre Ketlogetswe yo gape e leng mogolwane wa Pego Projects Joint Venture, o kopile banana ba motse oo go itlhamela mananeo ka matshelo le diphologolo tsa kgaolo ya bone mme ba a rekisetse ba kgaso.
O supile fa matshelo a Batswana a seyo mo thelebishineng mme jaanong ka phetogo ya boranyane jo bo tlhabolotsweng, seo se tlaa thusa go rekisa motse wa Shakawe le gone go bontsha kgotsa go ruta Batswana ba bangwe gore go tshelwa jang mo Shakawe.
O ne gape a kgala banana a re lefa ba filwe sebaka seo ba maoto a tshupa go se dirisa. “Re a bo re tsile go bonwa re tsamaya re setse motho mosweu morago a tsaya dinepe rona re paletswe mme morago re supe puso ka monwana re re e rata batswakwa go na le beng gae,” a tlatsa jalo.
Fa a mo kgwa dikgaba modiri ka ene Rre Ofemile Montsiemang, o ne a tlhalosetsa banni ba motse oo fa go le botlhokwa thata go fudugela kwa maranyaneng a digital go golola matshwao mo phefong go ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa kgaso, a tlatsa ka gore maranyane a analogue a bokete.
Rre Montseimang o kopile banni go nama ba ikgapile mo go rekeng didirisiwa tsa maranyane a masha kwa marekisetsong a maChina a gakolola gore batho ba seka ba tsiediwa ke bagwebi.
O tlhalositse gore Batswana ba tlaa bolelelwa gore didirisiwa tsa digital di bonwa kae mo lebakeng le le sa fediseng pelo go fema go reka tse e seng tsone.
Fa a araba potso ya monni wa Shakawe Rre George Tayopa, yo o neng a kopa go tlhalosediwa gore phudugo ya maranyane a e tlaa kgona go bontsha batho di channel tsa mafatshe a a mabapi jaaka Aferika Borwa le gore a ba tlaa lopiwa .
Rre Montseimang o tlhalositse fa digital e le mahala ebile go sa lopiwe tlhwatlhwa epe.
Rre Moitshoki Moipinedi o ne a kopa ba kgaso go fefosa kitsiso ya bone ya thekiso ya didirisiwa tsa digital go fema ketsaetsego mo thekong ya tsone.
Banni ba motse oo ba ne ba lebogela thuto eo thata ba tlholosa fa seo se supa fa puso e gatetse pele mo go tlhabololeng matshelo a Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : SHAKAWE
Event : Dithuto
Date : 28 Jul 2015






