Breaking News

Kereke e abetse bagodi le batlhoki

27 Jul 2015

Kereke ya Universal mo Serowe
e sa tswa go abela bagodi le batlhoki ba
le makgolo a mabedi ba Serowe dimpho tsa dikobo le melora.

E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo o o neng o
rulagantswe ke kereke eo bosheng kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, moruti wa
kereke eo, Rre Emmanuel Letsebe a bolela fa ba bone go le maleba gore jaaka ba le
kereke ya Universal ba tsibogele mokgosi wa ga Tautona wa lefatshe leno Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama wa go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo
 botshelong.

O tlhalositse gape fa ba ne ba gwetlhilwe ke lengwe la
matshego a tebelopele ya ngwaga wa 2016 la go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e
bile e kgathala ka matshelo a ba bangwe.

Rre Letsebe o tlhalositse fa e le tshwanelo ya dikereke go 
tsenya letsogo mo go thuseng puso go bona gore seemo sa matshelo a batho ka
kakaretso lefatshe ka bophara ke se se tokafetseng.

A re e le ba Universal ba na le maikaelelo a go kgaogana
sepe fela se ba se kgobokanyang mo kerekeng le ba ba tlhokileng lesego e bile
ba tswelela fela ba inaakantse le ditiro tsa go thusa mo setshabeng.

Moruti Letsebe a re ba kgonne go sekaseka batlhoki le bagodi
bao ka thuso ya ba dikomiti tsa ditlhabololo ba tshwaragane le ba boipelego mo
 Serowe.

E ne ya re fa a tswa la gagwe mongwe wa bogosi Rre Serogola
Seretse a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke ba kereke ya Universal a re seo
ke selo se se eletsegang mo setshabeng e bile e le sesupo sa mowa wa lerato mo
go bao ba ba tlhokileng lesego.

O ne a tlatsa ka gore se ke bopaki jwa se se mo baebeleng
gore motho a rate yo mongwe jaaka a ithata.

Rre Seretse o kgothaditse kereke eo go tswelela ka mowa o wa
bopelotlhomogi a ba a gwetlha dikereke tse dingwe go tsaya malebela a gatelela
fa seabe sa dikereke mo setshabeng se tshwanetse go bonagala.

A re ka jaana lefatshe leno le ipeetse seelo sa tebelopele
ya ngwaga wa 2016 mongwe le mongwe o tshwanetse go ema ka dinao go bona gore
maikaelelo a a diragala.

Rre Seretse o tsweletse a tlhalosa fa Tautona a ntshitse
mokgosi gore tshaba ya gagwe e bolokwe, a re go a itumedisa ka go bo kereke ya
Universal e ne ya utlwa mokgosi ya ba ya o araba, a re e le banni ba Serowe ba
amogela dimpho tse ka matsogo a mabedi mo boemong jwa ga Tautona.

Mongwe wa ba ba amogetseng dimpho tseo Mme Elizabeth
Letebele o ne a supa fa a tletse ka boitumelo ka dimpho tseo.

A re di tlaa ba solegela molemo go le go golo mo matshelong
a bone ka jaana letlhoko la dikobo le melora e tla nna selo sa maloba ebile di
tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Jul 2015