Breaking News

Orange e tokafatsa mafaratlhatlha

27 Jul 2015

Khamphani ya Orange e itsisitse banni ba Mapoka fa dilelo tsa bone tsa mafaratlhatlha e tlaa nna selo sa maloba. 

E rile a rolela morafe  mafaratlhatlha a ditlhaeletsano  bosheng, mogolwane kwa Orange, Rre Oteng Serumola a bolela fa ditlhaeletsano e tla nna tse di matsorotsoro mo morafeng oo morago ga go sokola ka lebaka ba sa kgone go ikgolaganya le ba masika a bone le ditsala.

O supile fa banni ba motse oo ba ne ba tshwara ka matlhasedi a mafaratlhatlha a a kwa Ramokgwebana, mme e bile a supa fa le one matlhasedi a teng a ne a sa tlhapa sentle ka mogala o ne o kgona go kgaoga motho a santse a bua le yo mongwe.

Ka jalo Orange e ikaelela go dira ka natla go bona gore Batswana lefatshe ka bophara ga ba sokole e bile ba kgona go
akola ditirelo tsa bone ka tshosologo.

Rre Serumola a re ba ikaelela go tsamaya mo metsaneng e e kwa tengnyanateng go tokafatsa mafaratlhatlha ao gore le bone ba kgone go ja tswine ya ditirelo jaaka ba ba mo ditoropong.

O tladitse ka gore e re ka e bile Orange le yone e tsweletse ka go isa ditirelo tse di farologaneng, maikaelelo ke gore le ba Mapoka ga mmogo le ba metse selegae ba kgone go di nwa moro jaaka tsa Orange Money tse bontsi ba ithusang ka tsone go reka didirisiwa di tshwana motlakase, go boloka
madi ga mmogo le gone go amogela madi go tswa go ba masika.

O ne a supa fa Orange money e tlaa tswela ba Mapoka mosola ka e bile e se botlhe ba ba nnang le sebaka sa go ya kwa dibankeng go ya go boloka madi ga mmogo le gone go nna le mabolokelo a madi kwa dibankeng.

A re mafaratlhatlha a bone gape a na le sekapa molelo, e bong dibetiri tse e tlaa reng ka nako ya kgaogo ya motlakase mafaratlhatlha one a bo a tsweletse a bereka.

O rotloeditse banni ba motse wa Mapoka go nna mapodise a mafaratlhatlha ao ka a tletse ditshipi tse ba itemogetseng fa go na le bangwe ba ba dinalanyala ka e bile malatsinyana a ditshipi di rekisiwa.

A re ba tshwanetse go nna ba di beile leitlho ka fa go ka nna le kgonagalo ya gore mongwe a utswe sengwe go tlaa bo go ba baya ka fa mosing ka jaanong ba tla bo ba boela mo seemong sele sa maloba.

E rile a tswa la gagwe Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka, a re o itumelela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe, a
lebogela ba Orange go bo ba ba rarabololetse mathata a bone ka jaanong ba tlaa kgona go lekola bana sentle kwa ditoropong.

Mokhanselelara wa kgaolo eo, Rre Paulos Nkoni ene o ne a supa fa ba ne ba tshwaragane le mathata segolo jang fa ba tshwanetse go itsise ba masika ka dintsho tse di mo gae. A re e re ka le kgaogo ya motlakase e tsweletse ka go tshwenya mo lefatsheng le, bone ba lebogela ba Orange go bo ba
tsile ka mothale o mongwe go fenya mathata ao , gore le ka nako ya kgaogo ya motlakase bone ba bo ba kgona go nna ba le mo phefong.

A re ba tla nna podi matseba go bona gore ditshipi tsa bone ga di senyege e bile ga go utswiwe sepe mo go tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Kabo-dimpho

Date : 27 Jul 2015