Moruti o itumelela seabe sa banana
27 Jul 2015
Banana ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba akgoletswe seabe sa bone sa go simolodisa kago ya kereke eo kwa motsing wa Mabutsane.
Kgothatso eo e dirilwe ke moeteledipele wa kereke eo Arch Bishop Tshenolo Mautle kwa pulong semmuso ya kereke eo kwa Mabutsane ka mafelo a beke.
A re kago ya kereke eo kwa Mabutsane e simologile ka ngwaga wa 1994 e simololwa ke lekgotla la banana ba epa mosele selo se a se lebogetseng fela thata, a re e rile morago ga tiro eo ba sekete (branch) ya Mabutsane ba tsweledisa tiro ya kago, e a boletseng fa e tsere lobaka lo lo leele mme kwa bofelong ya wela, ya nna mo seemong sa go ka bulwa semmuso jaaka go diragetse.
Archbishop Mautle o boletse fa kago ya kereke eo e lopile madi a a ka tshwarang P250 000, ka gore bontsi jwa tiro bo dirilwe ka boithaopo.
Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kereke ya Unity e simologile mono Botswana ka ngwaga wa 1959 a re mosimolodi wa yone e ne e le St Archbishop Kenaleeng Katjipaha yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong, a tlhalosa fa e na le makalana mono Botswana, Afrika Borwa le Namibia.
A re ke kereke e e dirileng molaomotheo o o tlhabolotsweng ka ngwaga wa 1999, mo godimo ga moo e na le dikomiti tse di farologanyeng go tsweledisa le go godisa leina la dikereke tse dingwe tsa yone go dirisiwa lekgotla le le tsamaisang kereke komiti ya ditlhabololo, ya banana le tse dingwe.
Archbishop a re e re ntswa kereke eo e simologile go sena dikago tsa borapelelo tsa sennelaruri, ka go ne go dirisiwa maobo, mo nakong eno go a itumedisa go bona dikago di ema ka dinao, ebile kereke ya Mabutsane e le ya boraro go bulwa semmuso a re seo ke sesupo sa gore ditlhabololo di tsweletse pele.
O tlhalositse gore mo motsing wa Mabutsane kereke ya Unity e simologile ka ngwaga wa 1963 moeteledipele wa yone e le moruti Mongwaketse Thuku a tloga a tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi, mme mo nakong eno e leng Bishop, fa maemo a bookamedi a ntse a tshegeditswe ke moruti Kabunyane Thuku yo o tlhokafetseng bosheng.
Erile mookamedi wa kereke eo mo kgaolong ya Ghanzi, moruti Goemeone Mothibi a ntsha lefoko la kgothatso, a kopa maloko a kereke eo go nna batho ba ba itshepileng gore mowa wa lorato o bonale mo go bone, a gatelela ka gore kereke ke lefelo le le boitshepo, mme botlhe ba ba tlang teng ba tlaa segofala fa ba rapela ka tlhwaafalo.
Mookamedi Mothibi o kgothaditse maloko a kereke eo go tswelela ka mowa wa boithaopo, ka boithaopo bo le mosola thata mo ditlhabololong le ditiro tsa kereke ka bophara.
Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Mephato Reatile le mokhanselara wa Mabutsane/Kanaku Rre Ernest Pule ba ne ba tsene tiro eo.
Rre Reatile o ne a abela kereke mpho ya kgomo, podi le nku fa mokhanselara Pule ene go boletswe a ne a ntshitse P500 go le pele go rotloetsa tiro eo.
Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tshwara ka thata mo tumelong go etsa mosimolodi wa yone yo a neng a sa kgatlhegele dikhumo tsa lefatshe fa e se go dira thomo ya Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Mabutsane
Event : Pulo semmuso ya kereke
Date : 27 Jul 2015






