Bomme ba akola Ipelegeng
27 Jul 2015
Lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le tsweletse ka go ntsha maduo.
Kwa Bonwapitse, bomme ba le babedi ebong Mme Tsidifalo Motswaledi le Mme Gopelomang Phuduhudu ke bangwe ba banni ba ba akolang lenaneo la go fepa badiri ba Ipelegeng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng Mme Motswaledi, o tlhalositse fa a simolotse go apeela badiri ba Ipelegeng mo kgweding ya Phukwi, a re o apeela babereki ba le masome a mabedi le bobedi.
O tlhalositse fa a fepa badiri ba Ipelegeng ka senkgwe le senotsididi ka Mosupologo, Labobedi le Labone mme ka Laboraro le Labotlhano a
ba fepa ka setampa se se tlhakantsweng le dinawa.
O boletse fa a reka dijo tse a di apayang kwa marekisetsong a a kwa Mahalapye.
Mme Motswaledi o ne a tswelela ka go tlhalosa gore o ya go dirisa dikatso tse a tlaa di bonang go feleletsa ntlo ya gagwe le go aga ntlo ya boitiketso.
Mme Phuduhudu ene o tlhalositse fa a apeela badiri ba le masome a mabedi le boraro.
O tlhalositse fa a tlaa dirisa dikatso tsa go apeela badiri ba Ipelegeng go tsenya sekole bana ba le bantsi ba masiela ba a ba tlhokomelang.
O ne gape a tlhalosa fa a tlaa feleletsa go penta ntlo ya gagwe ka dikatso tse a tlaa di bonang.
Mme Phuduhudu o boletse fa moapei a tshwanetse go apeela fa go phepa, gape moapei a sa tshwanela go itshasa ditlolo mo sefatlhegong kana go ipenta dinala.
O tlhalositse fa moapei wa badiredi ba Ipelegeng a tshwanetse go nna lerato le bopelotelele mo bathong ebile a kgona go ikoba a ikopa maitshwarelo fa a sa kgona go apaya sentle.
Modulasetilo wa komti ya ditlhabololo ya Bonwapitse Rre Kebadire Goromente o tlhalositse fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng mo
motseng le tsamaya sentle, o boletse fa dinako tse dingwe baapei ba tla ka dijo di se mo maemong a a siameng mme bone e le komiti ya ditlhabololo ba buisane lebaapei go baakanya seemo.
O tlhalositse gore baapei ba ba dirisang dikatso tsa bonesentle ba kgona go tlhabolola matshelo a bone ka go ikagela kana go tlhabolola itsholelo ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2015






