Bogodu bo a oketsega kwa Kazungula
27 Jul 2015
Mookamela mapodisi a Kazungula, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re o tshwentswe ke bogodu jo bo golelang pele kwa Kazungula Newstance.
Supt Jorowe a re ka Kazungula Newstance a gola ebile a tlhabologa, banni ba ba agang matlo ba tshwenngwa ke bogodu jwa mabati le difensetere.
Supt Jorowe o ne a gakolola banni gore ba seka ba nna ba tlogela sepe mo matlong a a sa felang.
O ne a gakolola gape gore ba nne ba tshwaya dilo tsa bone gore fa di bonwa batle ba itse gore ke tsa bone ka letshwao mme a re ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go leka go tshwara magodu ao.
Mo dikgang tse dingwe, Rre Jorowe a re ba mo ditlhotlhomisong tsa matshosetsi a banyalani ba dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le botlhano go ya ko go masome matlhano.
A re ba tshegeditse monna mabapi le go dirisa mafoko a matshosetsi fa ditlhotlhomiso tsone di tsweletse.
O ne a gakolola gore fa banyalani ba na le tlhoka kutlwisano, ba nne ba leka go bua le makalana a tshidilo maikutlo kana ba ye ko go molaodi go kopa thuso.
Supt Jorowe o ne a gakolola gape gore batho ba seka nna ba dirisa mafoko a matshosetsi ka gore ke molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bokamoso Khumo
Location : KASANE
Event : Pego
Date : 27 Jul 2015






