Masisi o rotloetsa mowa wa boipelego
27 Jul 2015
Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi, o rotloeditse banni ba Mmadinare go ipelega.
Mothusa Tautona o buile se mo mogwantong o o neng o tshwerwe kwa motseng oo go kokoanya madi go aga leobo la kgotla kwa Mmadinare.
Rre Masisi o ne a gakolola banni go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse.
O ne a gakolola badirelapuso go tlhabolola dikgaolo tse ba direlang mo go tsone, a tlatsa ka go kopa morafe go tlotla kgosi le badiri ka ene gore tlhompho le lerato di rene mo motseng.
Rre Masisi o ne a kopa morafe go tsenya bana ba motse moditirelong tsa kago ya leobo, go leka go fokotsa ditshenyegelo le go tlhamela banana mebereko le go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse.
Fa a tswa la gagwe, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o ne a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile moroto wa esi ga o ele, seo e le kopo mo banning ba Mmadinare go dirisana.
Tona o ne a tswelela ka go re mokgwa wa boithaopo ke mokgwa o montle ka puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme o itumelela gore mokgwa wa boipelego o aname le lefatshe la Botswana mme ke mowa o o tlhokanang le boineelo le lorato.
Mookamedi wa moepo wa Tati Nickle, Rre Ditiro Lentswe, o ne a re kago ya leobo e ikaegile ka mokgwa wa boipelego mme maikaelelo a bone ke go
fa thuso ko go ba ba maleba mo setshabeng.
O ne a tlatsa ka go gwetlha morafe gore le one o thuse ka sepe fela se ba se setseng gore maikaelelo a fitlhelelwe.
O ne a kopa ba komiti ya kgobokanyo madi go ikgologanya le makalana a a ikemetseng ka nosi le boradikgwebo gore maduo a mantle a bonale ka ba na le bokgoni ja go thusa botlhe ba ba nang le botlhoki mme a leboga ba komiti ya kgobokanyo madi tiro e ntle e ba e dirileng.
Modulasetilo wa komiti ya kgobokanyo madi Rre Ditshupo Ntwaagae a re ba bereka ka thata e le komiti go kgobokanya madi a a tlhokafalang go aga leobo a a ka nnang di dikadike tse pedi mme o itumeletse thuso ya ba moepo wa BCL ka ba ba diretse moalo wa leobo le go ntsha thuso ya madi.
Mopalamete wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila o ne a kopabanni ba Mmadinare go tshwara ka thata le go dirisanya mmogo go kokoanya madi a go aga leobo la motse wa bone.
Mo mogwantong oo Mothusa Tautona o ne a ntsha thuso ya madi a kana ka P5 000 fa tona Tsogwane a ne a ntsha P600, fa ba moepo wa Tati ba ntshitse P10 000 mme ba BCL ba ntshitse P27 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego
Date : 27 Jul 2015






