Breaking News

A molawana o sekasekwe - Moyo

27 Jul 2015

Ramapodisi wa kgaolwana ya sepodise ya lesome le boraro, Rre Counsel Moyo, o kopile lephata la meepo, kgotetso le metsi go baakanya molawana o o itebagantseng le go epiwa ga metlhaba ka o ba ketefaletsa tiro.

Rre Moyo o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke molaodi wa kgaolo-potlana ya Thamaga-Mogoditshane, Rre Mothibi Monyakeng  Metsimotlhabe.

Phuthego e ne e itebagantse le go tla ke methale ya go thibela go gweba ka motlhaba o o tswang mo nokeng ya Metsimotlhabe mo go seng ka fa molaong.

Rre Moyo a re ba leka ka bojotlhe go thibela go gweba ka motlhaba mo go seng ka fa molaong mme sebe sa phiri ke gore molawana ga o papamale ka dikgato tse di tshwanetseng go tseelwa badiramolato.

A re molawana o o leng teng mo bogompienong katlholo ya one e kwa tlase fela thata ka badiramolato ba ka atlholwa madi a a sa feteng sekete sa dipula, selo se a reng se dira gore ba nne ba boelele molato oo ka go le motlhofo go duela katlholo.

A re mapodisi a dumela gore go tshwanetse ga gagamadiwa molawana o, e bile ba fiwe dithata tsa go tseela ruri didirisiwa tse di fitlhelwang di diriswa mo bogodung joo. 

Rre Moyo a re mo nakong eno fa ba gapile dithoto mo malatsing ba a di busa mme se se folodise maiteko a bone a go thibela borukutlhi jo.

O tsweletse ka gore mapodisi a eme ka dinao ka ba a tle ba tsamae mo nokeng eo bosigo le motshegare mme ba tshware dirukutlhi tseo e bile go lemosegile fa bontsi jwa bone e le batswakwa.

Fa a tswa la gagwe, Rre Monyakeng o ne a kopa banni go emela motse wa bone ka dinao mme ba sireletse letlotlo la bone la tlholego ka fa ba sa dire jalo ba tla sala ba iphotlhere.

A re morafe o tshwanetse wa nna seopo sengwe ka go lemosegile gore borukutlhi bo ka fenngwa fela ke popagano ya morafe. A re go mo maruding a morafe go bona gore ba tlhaba mapodisi podimatseba ka borukutlhi jo.

E re ntswa go supagala fa morafe o setse o fedile pelo, Rre Monyakeng o ba kopile gore ba seka ba tlola molao mo ditshwetsong tse ba tla di tsayang ka fa ba dira jalo ba tlaa di gama ba sa di tlhapela. 

A re ebile gape go botlhokwa go tshwaraganela joko eo le mapodise ka ba ka se kgone ba le nosi.

Fa ba tswa la bone banni ba motse oo ba ile ba lebogela molaodi go tla ka phuthego ya mothale o ka ba tshelela mo letshogong ka gangwe le gape dirukutlhi tse di ba tshosetsa matshelo fa ba leka go di kgalemela.

Mongwe wa banni Mme Mmapula Sekolokwane a re puso e tshwanetse go tlhwaafalela go dira melao ka ga o direlwe batswakwa fela, a re e bile o na le pelaelo ya gore batswakwa ba ba na le botsalano le mapodise ka mo nakong e ntsi fa ba leka go bua le mapodise ga ba supe kgatlhego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thabiso Keiphetlhetswe

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 27 Jul 2015