Banni ba Magana ba atla kgosana
27 Jul 2015
Banni ba kgotlana ya Magana kwa Metsimotlhabe ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore Rre Duncan Magana e nne ene yo o tlaa nnang setilo sa bogosana jwa kgotlana eo.
Banni ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke kgosi ya motse oo Kgosi Raphael Mmipi morago ga go tlhokafala ga kgosana ya kgotlana eo Rre John Ratlhapi kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga.
Mongwe wa banni ba kgotlana eo, Mme Gobona Khupe, o opetse seo diatla a re ke kgatelopele ka se tlaa dira gore kgotlana ya bone e seka ya salela kwa morago ka ditlhabololo.
Rre Simon Sethathe ene o kopile gore fa kopo ya bone e ka amogelesega, kgosana e bereke le bone sentle ebile a itse gore kgosi ke thotobolo e olela matlakala.
Mongwe wa dikgosana, Rre Rudolf Mokalake, a re o ile a nna fa fatshe le boora Magana mme ba nna moono o le mongwe ka motlhatlhami go sena mathata ape.
Mokhanselara wa Metsimotlhabe Rre Kenakgang Oreetseng o ne a supa fa le ene a itumeletse tshwetso eo e bile a e amogela ka diatla tsoo pedi segolobogolo ka go ne go sena dikgotlhang jaaka tse ba di utlwalelang kwa metseng e mengwe.
A re o solofetse go le gontsi mo kgosaneng e ntsha eo ka a tlaa tokafatsa tiro ya gagwe e le mokhanselara.
Rre Magana o ne a leboga morafe ka tshepho ya bone mo go ene, a re o amogela thomo ya bone ka diatla tsoo pedi, a re o tsile go ikamanya thata le Modimo ka poifo Modimo e le yone e ka mo kgontshang go etelela morafe wa gagwe pele sentle.
Kgosi Mmipi o ile a konetelela ka gore nako ya go laya kgosana ga ise e goroge ka o santse a tlaa isa leina la yo o tlhophilweng kwa bagolwaneng ba gagwe kwa Molepolole go ya go seka seka tshwetso eo mme o tlaa busa phetolo mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thabiso Keiphetlhetswe
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jul 2015






