Setshwarwa ke ntsa pedi
26 Jul 2015
Tona wa lephata la temo thuo, Rre Patrick Ralotsia, o kopile banni ba Pilikwe mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami go ipopa ditlhopha go kgona go ithekele didirisiwa tsa temo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama bosheng, Rre Ralotsia o kopile banni gore e re ka puso e santse e tlhaelelwa ke madi ba kgona go ipopa ditlhopha ba ithekele didirisiwa jaaka dipolantere le diterekere.
Tona o ne a tlhalosa fa go ka nna motlhofo gore balemi barui ba kgone go tlhokomela le go bona gore didirisiwa tseo di mo seemong se se siameng ka bogautshwane go nale fa di le ka fa tlase ga puso, a tlatsa ka gore puso e na le dikgwetlho le dithoto tse dintsi.
O ne a ba kopa gore gape fa ba ipopile ditlhopha go ka nna motlhofo go reka se se tlhaelang mo temong.
A re mo kgaolong ya bone go nale diterekere di le lesome le borataro tse di mo tirisong le dipolantara di le robongwe fela. A re se, se ka ba tswela mosola fela fa bone ba ka ema ka dinao go di oketsa.
Fa a bua ka dikgang tsa letlhoko la koloi, tona o ne a tlhalosa gore go na le koloi e le nngwe e e thusang mo metseng ya Ramokgonami.Pilikwe le Tumasera, mme sebe sa phiri ke gore koloi e e kgologolo ka jalo e senyega kgapetsakgapetsa.
Rre Ralotsi o ne a bua mafoko a, a araba dilelo tsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Pilikwe Mme Semochi Kefhilwe yo o neng a tlhalosa fa go nale tlhaelo ya didirisiwa tse di lemang ka ditselana mo motseng wa bone.
Mme Kefhilwe a re tlhaelo e e baka gore balemi bangwe ba felele ba sa lema ka didirisiwa di le dinnye. O ne a gape a tlhalosa fa ba sena koloi e e ba thusang mo motseng wa bone.
Kgosi Opelo Bopadile o ne a tlhalosa fa ba aparetswe ke letlhoko la metsi.
E rile a mo kgwa dikgaba mo boemong jwa tona wa metsi le kgotetso, tona wa lephata la dikago, boitseanape le boranyane Rre Nonofo Molefhi a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi e dirwa ke tshenyego ya didiba tsa Pilikwe/Mhalapitse.
Rre Molefhi a re metsi one a teng mo didibeng mme go senyega go dira gore go nne le tlhaelo ya metsi mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jul 2015






