Ramokgwebana o amogela kgosi ka a mabedi
26 Jul 2015
E ne ya re ka Labotlhano Phukwi 24, banni ba Ramokgwebana ba tshologela kwa kgotleng ya motse oo go amogela Kgosi Mollen Dube jaaka a ne a tlhongwa mo setilong sa bogosi.
Tona Slumber Tsogwane wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o ne a akgolela morafe tshisibalo e e aparetseng bogosi jwa motse wa bone, a supa fa go itumedisa go bona fa kwa go bone go sena dintwa tsa bogosi tse di farafereng metse e mengwe.
Rre Tsogwane o ne a tlhalosa gape fa go kgatlha leitlho go bona kwa motseng oo go na le bagolo ba motse ba ba dirang e le bagakolodi ba ga kgosi; a bolela fa thulaganyo ya mothale o, e seo mo mafelong a mangwe.
Fa a ema Kgosi Dube ka lefoko, tona o ne a mo gwetlha go lemoga fa e le ene pinagare ya morafe wa gagwe, le go tlhaloganya gape fa a le matlho a puso mo motseng wa gagwe.
Fa a mo lemotsha fa tiro ya bogosi e sa tlhole e le motlhofo ka jaanong lefatshe le tsamaisiwa ka sepolotiki, Rre Tsogwane o ne a ikuela mo go ene go tlotla molao le go diragatsa molao wa tsamaiso ya bogosi jaaka o ntse.
O ne a kgwetlha Kgosi Dube go tlhomamisa gore motho mongwe le mongwe o akola tshiamelo ya gagwe ya molao ntle le go gobelelwa kana go kgaphelwa ntle.
Tona Tsogwane o ne a ikuela mo morafeng wa wa Ramokgwebana go tlotla kgosi ya bone, a re go dira jalo go tlaa dira gore Kgosi Dube a nne le seriti le mashetla a go dira tiro ya gagwe ka boineelo le manontlhotlho a a kwa godimo.
Kgosi Eric Moipolai wa Matsiloje yo o neng a tlhoma Kgosi Dube mo setilong, le ene o ne a ikuela mo morafeng go tlotla kgosi ya bone.
Kgosi Moipolai o ne a supa fa go sa tlotleng kgosi e le go sa itlotleng ga ope yo o dirang jalo.
O ne gape a kopa Kgosi Dube go itshola sentle, a bolela fa go dira sepe se se fatlhang go tlaa seke go tlontlolole kgosi a le esi mme go ka apola le morafe seriti sa one.
Rangwaneagwe kgosi, Rre Milton Matopote, o ne a mo gakolola fa thata ya gagwe jaaka kgosi e tswa mo morafeng, ka jalo go le botlhokwa gore a nne le tlotlo le lerato mo morafeng.
Rre Matopote o ne a itsese Kgosi Dube fa go le botlhokwa gore a nne sekao ka go nna botho, a boa a gatelela mafoko a gagwe.
Malomaagwe Kgosi Dube, Rre Pilot Muzila o ne a gatelela botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo mo tirong ya bogosi segolo jang ka e se botlhe ba ba tlaa mo ratang le go mo ema nokeng.
O ne a mo gakolola go tsaa tsia dikgakololo le kaedi ya bagakolodi ba gagwe, mme a mo tlhagisa go seke a tswelela a dira le ope wa bone yo e kareng mo tseleng a itshupa fa a le nta ya selomela kobong.
Fa a akgela, Kgosi Dube o ne a ikuela mo morafeng wa gagwe go mo ema nokeng gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe sentle.
O ne a ba kopa gore e re a ba biletsa kwa kgotleng ba tle ka dipalo tse di kwa godimo go tla go abalana megopolo le ene ka ditlhabololo tsa motse wa bone.
Kgosi Dube o ne a kgothatsa banana segolo bogolo go nna ba tsena ditiro tsa morafe le go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba nne le sebaka se sentle sa go kgona go akola mananeo a a farologanyeng a puso e ba a tlhametseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Gaborone
Event : Peo ya kgosi
Date : 26 Jul 2015






