Sediba se namola barui ba Mmamarobole
26 Jul 2015
Balemi-barui ba masimo a Mmamarobole mo kgaolong ya Kweneng ba ne tshwere moletlo wa go ipelela sediba se ba nosang leruo mo go sone sa Borite Syndicate, se go tlhalosiwang se na le dingwaga di le lesome ba ntse ba se dirisa.
Ba ne ba tshwere moletlo oo bosheng. Barui ba, ba seegetse letsatsi fa thoko le le faphegileng mme ba le bitsa fela ba re ke; letsatsai la go itumelela sediba.
E rile a bua ka ditso tsa sediba seo, leloko la setlhopha, Rre Masego Phuduhudu, a tlhalosa gore pele fa sediba seo se nna teng, go ne go le thata ka ba ne ba sokola go nosa leruo.
A re ba ne ba nosa kwa letamong la Serale gone mo Mmamarobole mme kgwetlho kgolo e le go gelelela dikgomo fa metsi a setse a ile tlase. Selo se a reng se ne se babalela barui.
O kgothaditse maloko go gakologelwa Modimo fa ba ipela ka metsi e le mpho e e tswang kwa Modimong.
Go iteela kobo moroko ka dikgwetlho tse ba fetileng ka tsone pele ga ba tlaa dirisa sediba se, modulasetilo wa khuduthamaga ya sediba seo Rre Setoba Kgalaeng a re go ne go na le batho ba ipopile ba batla go ba amoga leroba la Borite, mme ba ikopanya go ya go duelela leroba le kwa lephateng la water affairs ka tlhwatlhwa ya P20 000 ka ngwaga wa 2005.
Go ya ka Rre Kgalaeng, ba kgonne go emela dikgwetlho tsotlhe tse ba ileng ba kopana natso, a tlhalosa fa ba kile ba bo ba sokola, ba bolokela metsi mo mabolokelong a mannye a a neng a imelwa ke go nosa leruo le batho.
O tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno ba dirisa sebolokelo se segolwane se se kgonang go nosa malatsi a le borobabobedi fa sediba se senyegile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thobo Mosekiemang
Location : Molepolole
Event : Moletlo
Date : 26 Jul 2015






