Bomme ba tshwere ka natla
26 Jul 2015
E ne ya re go bona bontsi jwa Batswana bo aperwe ke lehuma, puso ya phatlalatsa mananeo a a farologaneng, ka maikaelelo a go le nyeletsa.
Bomme bangwe ba Tshwaane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, ke bangwe ba Batswana ba ba neng ba iketleeletsa go ikopela dithuso tse go ikapola lehuma.
Mo potsolotsong bosheng, Bomme Tsweledisang Ramabe, Bonno Rajase le Itshwareleng Balatlheng ba supile fa ba ne ba ikgolaganya le mmaboipelego ka ngwaga wa 2013, go ya go kopa bogakolodi ka maano a itshetso le go ikopela lenaneo morago ga go babalelwa ke manokonoko a letlhoko la ditiro.
Bomme ba, ba kaile fa ba ne ba atlega mme ba tsenngwa mo setlhopheng ba le bararo go dira mmogo.
Ba boletse fa khansele-potlana ya
Letlhakeng e ne ya ba rekela didirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang go
simolola kgwebo ya go roka diaparo tsa manyalo, paka ya sekole le tse dingwe.
Mokwaledi wa setlhopha seo, se se bidiwang Barara
Investment, Mme Rajase a re kgwebo e tsamaya sentle
ebile e ba thusa
go tlhokomelela bana ba bone.
A re ba dirile molao motheo o o ba thusang thata mo go tsamaiseng kgwebo ka e le segakolodi mo go bone ka dinako tsotlhe.
A re ga ba letlelele gore ba nne le tlhokakutlwisisano le dikgogakgogano go nne ga ba eletse go bona thuso e e ba dule ka diphatlha tsa menwana.
O tlhalositse fa ba bone mmaraka o o ba fang dipoelo fela tse di nametsang ka jaana ba abelwa ditiro ke khansele tsa go rokela paka sekole se se mo motseng sa bana ba le 180 se se thusiwang ke puso, mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse ka go supa kgolo.
Mme Rajase o ne a kaya gape fa ba itumelela thotloetso e ba e fiwang ke ba ofisi ya boipelego.
A re ba ba etela gangwe le gape go tla go ba lekola le go ba fa maele a go atolosa kgwebo ya bone le go tswa ka maano a a ka fedisang difatlhi tse di ba emeng pele mo go e godiseng.
Modulasetilo wa setlhopha, Mme Tsweledisang Balatlheng a re ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka motlakase mo motseng, seo ga se ba kgobe marapo ka jaana ba dumela mo go se ba se dirang ebile ba na le tsholofelo ya gore e tlaa re mo dingwageng tse tlhano tse di tlang ba bo ba tlhametse banana ba ba bangwe diphatlha tsa mebereko.
O gakolotse Batswana segolo jang bomme go ikemela ka dinao ka e bile puso e tlhamile mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. A re ka lefatshe leno le amilwe thata ke letlhoko la ditiro, go botlhokwa gore setshaba se nne le mowa wa boipelego.
Mme Balatlheng o ne a gakolola botlhe ba ba setseng ba abetswe dithuso tsa puso go tlhaloganya fa go sena sepe se se leng bonolo mo botshelong, mme ba tswelele ka go supa maikarabelo le go tswa ka maano a go tokafatsa dikgwebo tsa bone gore di gole.
A re kgwebo nngwe le nngwe e batla lorato, boitshoko le maikemisetso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2015






