Banana ba lebanwe ke dikgwetlho
26 Jul 2015
Go lemotshegile fa banana ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mo dikgwebong tsa bone.
F a a bua mo potsolotsong bosheng, monana yo o mo kgwebong ya dipodi le dikoko tsa Setswana kwa Tonota, Rre Mathambo Samuel, o ne a supa fa dipaka di fetogile mme jaanong go tsamaisa kgwebo go sa tlhole go le bonolo jaaka go kile ga bo go ntse ka ntlha ya go sa bone bareki motlhofo.
A re letseno le le kwa tlase le paledisa banana ba bantsi ba ba thusitsweng ka madi ke lephata la banana go a busa.
Rre Samuel a re ke boikarabelo jwa banana gore ba nne le boammaruri mo ditirong tsa bone, a supa fa seabe sa batsadi e ka nna go bua le bana ba bone gore ba buse madi a ba a adimilweng go itshimololela dikgwebo.
Rre Gofamodimo Ntanda wa Mmandunyane, a re lengwe la mabaka a a paledisang banana go busa madi ke gore dikgwebo tsa bone ga di tswelele sentle, ka e rile mothaong wa tsone tsa seka tsa dira dipoelo sentle.
A re se se dirwa ke gore nako le nako fa go na le mathata mo kgwebong, banana ba a itlhoboga, ba sa boele kwa diofising tsa banana go kopa kgakololo ya gore tsela ba tseye efe.
O tsweletse a re kgwebo e tsweledisiwa ke bopelotelele le go sa ineela fa go na le dikgwetlho.
Mme Goitseone Moseki wa Mmandunyane ene o ne a kopa puso go nolofatso tsamaiso ya go bona madi a go simolola kgwebo.
A re bontsi jwa banana bo eletsa go tsaya madi a lenaneo la bone, mathata e nne gore ba batlwa dilo di le dintsi go simolola dikgwebo, ka jalo ba kgobege marapo ba ise ba bone thuso.
Mme Moseki a re bontsi jwa banana ba ketefalelwa ke go duelela madi a go kwadisa maina a dikompone tsa bone, a tlatsa ka gore bangwe ba felela ba kgobega marapo.
A re ga go thuse sepe gore madi a nne a boela mo letloleng la puso a sa tsewa ke ba a ba lebaganeng, mme a swetsa ka go rotloetsa banana gore tiro ya diatla e bogadi bo gaufi fa yo o e dirang a tlhoafetse, ka jalo o gwetlha banana go inaakanya le yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lucky Doctor
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2015






