Morafe o kopiwa go thusa puso
23 Jul 2015
Morafe wa Siviya o gakolotswe go nna matlho a puso mo go kanokeng gore a badirelapuso ba ntsha ditirelo tsa tlhwatlhwa.
Se se builwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati Rre Kgotlaetsho Morakanyane kwa letsatsing la go isa ditirelo kwa bathong le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo bosheng.
Rre Morakanyane o ne a bolela fa go le botlhokwa gore setshaba se dirise ka botlalo thulaganyo ya bosheng ya gore baikopedi ba ditirelo tse di farologanyeng tsa puso ba tlatse difomo go tlhalosa ka fa ba thusitsweng ka teng mo diofising tsa puso.
A re ba tshwanetse ba lemoga fa difomo tseo di tlaa thusa thata mo go supeng gore bodirelapuso bo tlhaela fa kae, mme seo se fe baeteledipele sebaka sa go tla ka maano a go baakanya seemo fa dilo di ka tshokane di dule mo tseleng.
Rre Morakanyane o ne gape a supa fa go le botlhokwa gore difomo tseo di tladiwe le mo mabakeng a go ntshiwa ga ditirelo go nnileng ga maemo a a kwa godimo; a tlhalosa fa go dira jalo go tlaa letla gore badirelapuso ba ba dirang tiro ya bone ka boineelo ba lemogiwe ba bo ba akgolwe.
Fa a gatelela botlhokwa jwa letsatsi la go isa ditirelo kwa bathong, Rre Morakanyane o ne a tlhalosa fa puso e ne ya lemoga fa Batswana bangwe ba ketefalelwa ke go ka akola ditirelo tse di farologaneng tsa yone, mme ga simolodisiwa letsatsi leo e le tsela ya go di ba atametsa ka dinako tse di rileng.
Fa a ema batsena-tiro eo ka lefoko, modiri wa lekalana la tokafatso maduo la Botswana National Productivity Centre (BNPC) Rre Smart Montsho o ne a ikuela mo maphateng a a farologaneng a a neng a isitse ditirelo kwa motseng oo go lemoga fa ka dinako tsotlhe ba tlamega go ntsha ditirelo tsa boleng.
A re ba tshwanetse gape ba sekaseka ditsamaiso tsa bone go tlhola gore a ga di kgoreletse maiteko a bone a go ntsha ditirelo sentle; a tlhalosa fa gape ba tshwanelwa ke go tlhomamisa gore setshaba se itumelela se bo se kgotsofalela ditirelo tse ba di se fang.
Rre Montsho o ne a boa a kopa maphata le makalana a a farologaneng a a tshwaraganetseng tiro le puso go ela tlhoko mekgwa le boitsholo jwa badiri ba bone, se e le tsela ya go netefatsa gore baikopedi ba ditirelo ga ba thusiwe ka setho le maitseo a a sa eletsegeng.
Go sale foo, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore diofisi le gope fa go direlwang teng go nne ka metlha go babalesegile e bile go le phepa go tlhomamisa gore matshelo a badiri le a morafe ga a nne mo diphatseng ka tsela epe.
Letsatsi leo le ne le phuthile maphata a puso a akaretsa khansele le a mangwe ka go farologana mme setshaba se ne sa akola sebaka sa go amogela ditirelo di le mmalwa di akaretsa go ikopela diteseletso tsa dimausu, go shafatsa dikarata tsa Omang, ga mmogo le go amogela dithuto ka ditirelo tsa maphata a a farologaneng a puso a bontsi jwa one bo fitlhelwang kwa motseng wa Masunga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Siviya
Event : Letsatsi la go isa ditirelo kwa bathong
Date : 23 Jul 2015






