Breaking News

Major Lesole o bolokilwe

23 Jul 2015

Ba boemedi ja America le Botswana ka fa mhameng wa sesole ba boletse fa ba latlhegetswe ke mogaka wa dithutego tsa maemo a a kwa godimo mo lekalaneng la tsa difofane, Major Moabi Lesole yo o tlhokafaletseng kwa America kwa a neng a ile ithutuntshong teng.

Molaetsa go tswa kwa moemeding wa lefatshe la America mono Botswana, Rre Miller o tlhalositse mo molaetseng wa gagwe gore tshwaragano le tirisano ya bone le lefatshe leno mo go tsa ithutuntsho e le e e senang bolekanyetso mo mhameng wa sesole, segolo jang ba lebeletse batlhalefi ba lefatsahe leno le nang le bone jaaka Major Lesole.

Mo boemong ja sesole sa mono gae Brigadier Otumiseng Tseleng o ne a re e le ruri ba latlhegetswe ke mogaka wa dikitso-kitso, yo o rutuntshitsweng mo go tsa boranyane ja difofane, le tsone tsa ditlhaeletsanyo le tse dingwe fela jalo mono gae le kwa mafatshing a mangwe jaaka la India, tse di neng tsa mmaya mo seemong se se mo kgontshitseng go neelwa tlotla ya Distinguished Service Award monongwaga.

Moswi Major Lesole o diretse sesole sa lefatshe leno dingwaga di le masome a mabedi le bongwe  ka botswapelo, e le setswerere sa go hula, a na le seriti sa boeteledipele, o ne a rutintshiwa mo go tsa botsamaisi ka maikaelelo a go bewa mo maemong a borutuntshi.

Moswi “Soldee, Fakaza, kana Data Base” jaaka a ne a tlwaelesegile go bidiwa ke ditsala le balekane ba gagwe kwa tirong le mo gae e ne e le motho yo o botlhale thata a le mabogodika, a rata batho gape e le motho wa setshego le monyenyo ka dinako tsotlhe.

Fa a lekodisa ka se se bakileng loso, Rre Gabobewe Lekalake mo boemong ja ba lelwapa o tlhalositse fa Major Lesole a tlhokafatse ka kotsi ya koloi, o ne a na le ditsala tsa gagwe ba le bane ka ene, a le mongwe o ne a tswa fela a sa bona dikgobalo fa ba babedi bone ba ne ba bona dikgobalo, mme go tlhalosiwa fa ba sa ntse ba di alafelwa gone kwa America.

Rre Gabobewe o ne a re, moswi o emeletse mono gae kgwedi e e fetileng.

O ne a ya America go dira dithuto tsa gagwe tsa Senior Command and Staff kwa Maxwell Air University  ka Seetebosigo a simologa mono ngwaga, kgwedi e e ne e le ya gagwe ya bobedi a le koo, mme ka thulaganyo ya Modimo a latlhegelwa ke botshelo mo sebakeng se sekhutshwane se a se ntseng koo.

Moswi e ne e le motshameki wa chess, pingpong, kgwele ya dinao, karate gape e le seopedi. O tlaa gakologelwa ke ba le bantsi, masika le ditsala ka matlhaga-tlhaga a gagwe.

Dibui ka go farologana ba ne ba mo kaya ka mafoko a le mangwe gore e ne e le setswerere sa pina, ebile e le radikitso, a sa tshabe go emelana le dikgwetlho, e ne e le motho yo ka dinako tsotlhe a dumelang mo go reng ga gona sepe se se ka palelang motho.

E ne e le motho yo o tsenang gongwe le gongwe le mo go tsone ditiro tsa selegae tota.

Bangwe ba ditsala tsa gagwe Major Chirstopher Tshibego le Rre John Moloi ba ne ba kaya moswi e le motho yo o neng a ineetse thata go direla lefatshe la ga bone, le go le isa kwa mankankaleng ka ditsela tsotlhe tse a neng a di kgona, ba re o nnile sekao mo balekaneng ba gagwe le mo go ba ba botlana.

Major o tlogela mmaagwe, bokgatsadie ba le bararo le bo morwa rragwe ba le babedi le ditlogolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Serowe

Event : Loso

Date : 23 Jul 2015