Breaking News

Kgosi o akgola banana

23 Jul 2015

Kgosi Mpilo Magapatona wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume o akgoletse banana ba setlhopha sa kgwele ya dinao sa Magapatona United le balatedi ba sone tiro e ntle e ba e direlang morafe.

Kgosi Magapatona o ntshitse kakgolo eo ka letsatsi le maloko ao a neng a simolodisa kago ya ntlo ya dikamore tse pedi e ba neng ba e agela Mme Shanganani Ntote kwa Magapatona bosheng.

Kgosi a re banana bao ba itshupile fa ba na le boikarabelo mo setshabeng ka go se motlhofo go bona bana ba dingwaga tsa bone ba kgatlhegela ditiro tsa boithaopi, a re bangwe ba tsaya nako e ntsi ba le kwa majalweng ba inaakantse le ditiro tsa botlhokatsebe.

O ile a ba kopa gore fa ba bone nako ba ne ba kopanela merero le banana ba bangwe kwa kgotleng gore setshaba le sone se lemoge boleng jwa bone gape le go leka go rotloetsa banana ba bangwe go ba okela mo ditirong tsa go thusa setshaba bogolo jang ba ba tlhokang.

Kgosi Magapatona o ne a kopa morafe wa gagwe go tsenya letsogo mo maitekong a banana bao gore moono wa bone o atlege.

Mogolwane wa komiti eo ya Magapatona United Football Club, Rre Nlisi Kebe o ne a bolela fa tiro eo e le ya boithaopo ka jalo ba le banana ba bone go tshwanela go agela mongwe motsadi ntlo e a ka latsang tlhogo mo teng.

Rre Kebe a re kago ya ntlo eo e tlaa fokotsa mesepele le go tsaya nako e ntsi batho ba le kwa mafelong a bojalwa ka maloko a tlamega go tsaya karolo mo kagong ka tiro e ntsi e dirwa ke bone le go bona gore sengwe le sengwe se se tlhokegang se nna teng.

O ile a tlhalosa fa ba ikaeletse gore fa ngwaga o wela ntlo e bo e fedile ebile ba setse ba e neetse mong wa yone.

Fa a tswa la gagwe, Mme Shanganani Ntote o ne a leboga tiro e ntle e e dirwang ke setlhopha seo. A ba akgola a re ba dirile tiro e tona thata ka go mo neela ntlo ya sennelaruri.

Mme Ntote o ne a tswelela a bolela gore mongwe o ka tsaya gore ke mpho e nnye mme mo go ene e kgolo ka fa e ka bo e le nnye o ka bo a kgonne go e itirela ka jalo go supa fa e le kgolo.

E ntse e le ka lone letsatsi leo ba ne ba abela bana ba dikhutsana ba bararo diaparo tsa madi a a kana ka P600 ba bo ba aba dikobo di le tlhano ba di abela batlhoki ba batlhano.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Tshimolodiso ya kago ya ntlu

Date : 23 Jul 2015