Breaking News

Kelatlheletswe o itomile molomo wa tlase

22 Jul 2015

Mme Kebofilwe Kelatlheletswe o ikiteile sehuba go itshetsa ka go apaya le go rekisa dijo tsa Setswana mo tseleng ya Orapa le Letlhakane.

Mme Kelatlheletswe a re o simolotse kgwebo ya gagwe morago ga go lemoga fa ngwao, bogolo jang ya dijo tsa setso e nyelela mo lefatsheng.

“Batswana ba tumile thata ka go ja dijo tsa sekgoa mme ba botsogo ba tlhalosa fa di sa siamela botsogo ka di baka mmele o motona mme morago di tsise malwetse a tshwana le jwa madi a matona le yone kankere tota, ”ga tlhalosa jalo Mme Kelatlheletswe.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o boletse fa a dirisa molelo wa dikgong go apaya dijo di tshwana le bogobe jwa lerotse, morogo wa dinawa le wa lephutshe, lebelebele, seswaa le mokoto gareng ga tse dingwe.

A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bajanala ba ba yang go bona Makgadikgadi, babereki ba meepo ya Orapa le Boteti ba ba fetelang kwa ditirong, bakgweetsi ba dikoloi tsa megobagoba ga mmogo le badirisi ba tsela ba ba sa batleng go tsena mo motseng.

Le ntswa go lebega fa Mme Kelatheletswe el e setswerere sa kapei, o tlhalosa fa a sa ya sekoleng sa kapei mme a ithutile go apaya mo go mmaagwe yo le mo nakong eno e leng morotloetsi wa gagwe yo mogolo.

Fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe,  Mme Kelatlheletswe o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho ka go bo dijo tse a di apayang di bonala ka dipaka mme e re paka ya letlhafula e sena go feta, go nne thata gore di bonale.

Mme Kelatlheletswe o tlhalosa gape gore go simolola kgwebo go ne go le bokete ka go bo a ne as a bereke. Mo nakong ya gompieno o ikaelela go aga moriti o o tlaa sireletsang bareki ba gagwe mo diemong tsa loapi tse di sa iketlang.

Fa dikeletso e ne e le dipitse, mo dingwageng tse some tse di tlang, Kelatlheletswe o eletsa go ipona a na le marekisetso a magolo a dijo tsa Setswana ebile a tlhametse Batswana ka ene ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oageletse Modirwagale

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2015