Breaking News

Monni o galaletsa lenaneo

22 Jul 2015

Rre Leonard Pagiwa wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi wa Gungwe, a re  ke mongwe wa ba ba neng ba nna le kgatlhego e ntsi ya go ikwadisetsa mananeo a nyeletso lehuma mme a atlega.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Pagiwa a re o ne a ikwadisetsa tshingwana ya merogo ka e le motho yo o ratang temo fela thata. A re tshingwana ya gagwe e ne ya tsena mo tirisong ka 2012. O ne a tsaya maemo a bobedi kwa ditshupong tsa 2014.

Rre Pagiwa a re fa e sa le tshingwana e ya gagwe e tsena mo tirisong, o setse a kgona go ka dira dilo tse dintsi tse a neng a ntse a sa kgone go di dira.

O ne a bolela fa a sa kgone go tswela kwa metseng e mengwe go ya go ipapatsa ka e le mo-na-le bogole. Rre Pagiwa a re se, se dira gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira ka fa a neng a batla ka teng. A re nako nngwe go nna botoka ka ba ba thusang batho ka mananeo ba kwa Masunga ba a tle ba tle go tsaya merogo e a e rekisang ba e go mo rekisetsa kwa Masunga.

Rre Pagiwa o supile gape fa a tshwenngwa ke diji di tshwana dikhukhwane mme a re o lekile methale e mentsi ya go leka go di bolaya mme ga retela. A re fa gongwe fa a leka go di lwantsha di a oketsega fela. O ne a re go ne go ka nna botoka fa bone ba ba thusang ka mananeo a ba ne ba ka ba batlela batho gore ba tle ba lwantse diji tse ka melemo ya teng.

E ne ya re fa a tswelela Rre Pagiwa a re ene o ne a ka gwetlha batho gore ba e go ikwadisetsa mananeo a, a nyeletso lehuma ka a na le mosola thata. A re motho fa a thusitswe ka lengwe la mananeo a, o ka kgona go itirela go na le go bo motho a senyetsa batho kana a nna a kopetse ba bangwe ruri.

Mme Georginah Mafuza wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi wa Gungwe a re le ene e ne ya nna mongwe wa ba ba neng ba atlega mo ikwadisetsong mananeo a nyeletso lehuma.

O ne a re o ne a ikwadiseditse la go roka ka a ne a ntse a rata go roka go tswa bonnyeng jwa gagwe gape a ne a bona gore kgwebo e ke yone e neng e ka atlega. Mme Mafuza a re kgwebo e ya gagwe e ne ya simolola go bereka ka ngwaga wa 2013.

E ne ya re fa a tswelela gape Mme Mafuza, a bolela fa a tle a tsene mo metseng e mengwe go ipapatsa gore botoka theko e nne ntsinyana ka motse wa Gungwe o le monnye mme se se baka gore a seka a bona theko e a neng a e solofetse. O ne gape a re batho ba rata tiro ya gagwe fela thata.

Mme Mafuza a re batho ba seka ba tshaba go ya go ikwadisetsa mananeo ka a ka tokafatsa matshelo a bone. O supile se gape ka gore le fa kgwebo ee sa dire mo go nametsang jaaka a batla, o kgonne go ithekela dipodi tse a neng a sa kgona go di reka go le pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Gungwe

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2015