Breaking News

Jesang leruo go tsholetsa dipoelo

22 Jul 2015

Mogolwane mo ofising ya
 LIMID kwa Bobonong, Rre Joel Morebodi, a re leuba la monongwaga le farologana le
la dingwaga tse di fetileng ka gore le tsile ka tshoganetso.

Ka jalo go
botlhokwa gore barui ba tsibogele tlhokomelo ya leruo la bone, e se re kwa
morago ba lela sa khurano ya meno.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Morebodi o
kaile fa tsholofelo ya morui mongwe le mongwe e le go bona dipoelo tse di
bonalang ka nako ya thekiso.

A re se se ka kgonafala fa barui ba ka tsaya thuo e le
kgwebo, mme ba lemoga botlhokwa jwa go jesa leruo gore le lone le kgone go ba
tlamela.

Rre Morebodi a re leruo le le ipatlelang phulo le tsamaya
lebaka le le leele mo sekgweng ka jalo e re le boela mo lesakeng le bo le
feletswe ke maatla.

O rotloeditse gore barui ba ba batlang go boelwa ke dipoelo
tse di nonneng mo thuong ya bone ba ikitee ka thupana, ba tlhwaafalele go jesa
leruo ka se se ka dira gore le nne mo seemong se se kgatlhisang ka dinako
tsotlhe.

Rre Morebodi a re tebelopele e botlhokwa thata mo thuong ka
e thusa gore e re morui a bona dikai tsa gore leuba le tla le shenne meno, a
ipaakanyetse go le fapoga nako e sa le teng.

A re se se ka dirwa ka go inaakanya le methale e mesha ya
thuo jaaka go fokotsa palo ya dikgomo ka go di rekisa, gore e re leuba le
tlhasela barui ba seka ba senyegelwa thata.

Rre Morebodi o kaile fa go dira jaana go ka netefatsa gape
gore morui a bo a ipoloketse madi a a tlaa dirisang go rekela leruo dijo fa
leuba le tlhasela.

A re go nna le leruo la palo e e kwa tlase ka nako ya leuba
go fema gore le tshabelelwe ke malwetse ga mmogo le go bopama.

O akgotse barui ba Bobirwa go bo ba tsibogetse go lema dijo
tsa leruo di tshwana le lab lab. A re se se supa fa thuto e ba ofisi ya gagwe e
e neelang barui e sa wele fa fatshe.

Rre Morebodi a re go botlhokwa go akgola gape barui ba bone
ba itekang ka go baya matlhare a dinawa le letlhaka ka go farologana gore e re
mo isagong ba di silele leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Basuti

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2015