Tlale o iphelafatsa ka thuso
22 Jul 2015
Monni mongwe wa Makuta mo kgaolong-potlana ya Tutume o lebogetse thuso ya mmuso.
Rre Pateletso Tlale ke mongwe wa Batswana ba ba tsibogetseng mananeo a puso. Ka jalo o ipelafatsa ka motshine o o phothang mabele. Motshine o, o o tsere ka lenaneo la ALDEP ka ngwaga wa 2008.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Tlale yo o itsegeng thata ka leina la Quarter, o tlhalositse fa puso e mo thusitse go duela motshine o.
A re ka ngwaga wa 2009, motshine o o ne wa mo tsenya dingalo ka go senyega, mme ALDEP e ne ya thusa go o baakanya. A re fa e sa le go tloga yone nako eo, ga o ise o mo tsenye dingalo dipe..
Rre Quarter o tlhalositse fa motshine o o sa thoke sepe se sentsi ka a ne a tlhalosa fa dilithara tse tlhano tsa leokwane di kgona go tsaya nako e telele.
O tlhalositse fa a sa direle banni ba Makuta fela ka jaana a setse a direla ba metse e e gaufi,e akaretsa Matobo le Nswazwi.
Rre Quarter a re ga a kgojwe marapo ke gore motho o kgakala le ene go le kae ka jaana motshine o pegwa mo kareng ya ditonki go goroga gongwe le gongwe.
A re ga a ke a tswa ko moreking a sa wetsa tiro ya gagwe, fa e le sengwe o ka lala a dira bosigo. O ne a tlhalosa fa le go ja a sa je fa a theogetse, e le yone kgang ya go kgotsofatsa molemi.
A re ka
bogologolo batho ba ne ba photha ka dithobane, go setse ba se kaenyana ba ba
phothang ka tsone, ka jalo motshine wa gagwe o thusa batho ba bantsi.
O ne a tlhalosa fa puso e ntshitse mananeo, mme
lehuma e le lone le le dirang gore motho a atlarele mananeo ao.
Rre Quarter, a re ntateng ya motshine, go na le pharologanyo e ntsi thata mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go jesa bana le bana ba bana ba gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Gori
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 22 Jul 2015






