Breaking News

Go sego letsogo le le abang

22 Jul 2015

Badiri ba sekole se
segolwane sa Chichi kwa Molapowabojang ba abetse Rre Stix Molomuwatau dijo le diaparo ka Labotlhano.

Morutabana, Rre Althius
Moloi, a re bodiredi jwa sekole bo dule ka mogopolo wa go thusa malwapa a a
tlhokileng lesego fa bana ba sekole ba ya malatsing a boitapoloso.

A re go abela bana dimpho ga se yone tiro fela e ba e dirang
ka jaana ba ithaopa le gone go phepafatsa Molapowabojang le metse e
mabapi.

Rre Moloi a re ba dira se ka jaana ba lemogile
fa e le tiro e e ka thusang Molapowabojang go nna motse o o phepa, ka
jalo a rotloetsa baagi ba motse gore le bone ba tsenye letsogo.

E rile a amogela dimpho, Rre Molomowatau a tlhalosa fa go abela ba ba dikobo dikhutswane e le tiro e ntle mme o ne a rotloetsa gore ba tswelele ba direla ba bangwe ka go sa
itsapa.
Rre Molomuwatau a re o solofela fa botsogo jwa gagwe bo tlaa tokafala.

Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o lebogile
bodiredi jwa sekole sa Chichi ka tiro e kgolo e ba e dirang, a re go sego
letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Mokhanselara wa Molawpowabojang East, Rre Calvin Matlale o
ne a ba eleletsa masego le matlhogonolo gore ba tswelele ka go ntsha maduo a
mantle, a re o itumelela moono o wa kutlwelo botlhoko, ka jaana motho e le
motho ka yo mongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Letshabo

Location : Kanye

Event : Kabo dimpho

Date : 22 Jul 2015