Breaking News

Ba gwethilwe go tlhokomela dikarata tsa mophako

22 Jul 2015

Mongwe wa  badiri ba boipelego kwa motseng wa Moroka mo kgaolong ya bokone botlhaba, Rre Sephiwe Domkrag o gwetlhile Batswana go somarela dithoto tsa puso segolo jang ba ba dirisang dikarata tsa dijo tsa mophako.

A re ka puso e leka ka bojotlhe go tlhokomela batlhoki, ba-na-le-bogole, bana ba dikhutsana, masiela ga mmogo le bone bagodi, go mo maruding a bao ba ba filweng dikarata tseo, bana le batlhokomedi ba bone go bona gore ba di dirisa ka kelelelo jaaka ba laetswe ga mmogo le gone go di babalela.

A re mo dingwageng tse di fetileng puso e ne e thusa bana ba dikhutsana, masiela, bagodi le bone ba-nale – bogole ka mephuthelwana ya dijo go bona gore le bone ga ba wele mo isong ka go le thata gore ba iphataphatele.

Mo dingwageng tseo puso e ne e dirisanya le mabentlele ka jalo o ne o fitlhela fela o beetswe mophuthelwana wa gago wa dijo le seshabo mo lebentleleng, ga gago e le go tsaya o bo o boela lapeng. Bangwe ba ne ba lela sa khurano ya meno ka dishabo tsa bone di ne di siiwa ke nako di le mo lapeng fa bangwe ba ne ba supa fa ba ne ba fiwa dijo le melora e tlhaela.

Ka ngwaga wa 2009, kgwedi ya Moranang e rogwa,  go ne ga dirwa ditshekatsheko mme seemo sa fetoga, monyenyo o ne wa tla mo go bao ba ba neng ba akola dithuso tseo ka
jaanong ba ne ba tlisediwa maranyane a dikarata a a neng a ba letla go ikgethela dijo tsa dikeletso tsa bone e bile ba di tsaya ka nako ya bone.

 E re le fa go ntse jalo seo sa tlisa ketsaetsego mo go ba le bantsi ka go na le tshenyo e ba boipelego ba e lemogileng mo badirising ba dikarata tseo.

Go ya ka Rre Domkrag yo o okametseng kgaolo ya Bokone Botlhaba, a itebagantse le tsone dikarata tseo, mo dipuisanong le lekalana la BOPA o tlhalositse fa a amogetse dipego go tswa Moroka le ntswa ba ba mo metseng e mengwe ba tshaba go ikuela, a re batlhokomedi ba bana ba dikhutsana le masiela ba dirisa dikarata tseo go reka dithoto tsa ntlo di tshwana ditilo le tse dingwe le ntswa tiriso ya karata eo e le go thusa gone go rekela ngwana kgotsa bana bao dijo mo lapeng.

A re dikarata tseo ga di a tshwanela go reka sepe ntle le dijo.

A re mo go tse dingwe bana ba ba tlhokomelwang ke bonkukuabone ba na le go tsaya dikarata tseo ntle le kitso ya bagolo mme ba reke dimonamone le tse dingwe tse di tshesanyane. 

A re bagolo ba tshwanetse go tlhokomela dikarata tseo, go bona gore di dirisiwa sentle, di reka tse di tshwanetseng jaaka ba laetswe e bile di bewa fa go babalesegileng ka dingwe di
setse di latlhile boleng, dingwe di robegile.

O tsweletse ka gore botlhe ba ba filweng dikarata tseo ba tshwanetse go di somarela fela jaaka dikarata tsa Omang le tsa dibanka ka di lopa puso matshebetshebe a madi. 

A re fa karata eo e senyegile kgotsa e robegile ba lopa motsadi madi a a kanang ka masome a mane a dipula gore a kgone go direlwa e nngwe.

Rre Domkrag a re go tshwanetse gape ga nna le dipuisano le merero mo lapeng magareng ga bana e leng bone beng ba dikarata ga mmogo le batsadi go utlwa gore ngwana o tlhoka eng se a eletsang go se rekelwa, e ka tswa e le dijo tsa pelo ya gagwe kgotsa melora go tila gone gore bana ba felele ba utswa dikarata tseo go ya go ikgotsofatsa.

A re ngwana o tshwanetse go itse gore go rekilwe eng ka karata ya gagwe.

A re le ntswa ba na le dikgwetlho tsa gore dikarata ga di dirisiwe sentle, ba amogetse gape dipego fa boradikgwebo bangwe ba ba dirisanyang nabo kgotsa mabentlele mangwe, one a a kgethilweng go thusa ba dikarata a na le tsietso golo gongwe.

Rre Domkrag a re ba supile fa mabentlele ao a na le ditlhwatlhwa tse dintsi, a rekisetsa ba dikarata ka madi aa kwa godimo fela ka gore gatwe ba dirisa madi a puso. A re seo ga se tirisano mmogo e e siameng ka e baya ba dikarata ka fa mosing ka ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go reka dijo di le dinnye, madi a tlhaetse.

O tlhalositse gape fa madi a a tsenngwang mo dikarateng tseo a farologana go ya ka dikgaolo.

O supile fa mo kgaolong ya gagwe, ngwana a le mongwe a tsenyediwa makgolo a supa a dipula, fa ba le babedi e le a ferabongwe a dipula, bale bane kgotsa go feta ba tsenyediwa sekete le makgolo a marataro le sephatlo sa dipula.

Mongwe wa badirisi ba dikarata tseo, Rre Lekgoa Banyatsi o supile fa karata eo e mo thusa fela thata ka a kgona go reka tse a di tlhokang ka nako ya gagwe. A re o lebogela puso go bo e tsile ka mothale o wa dikarata ka jaanong a kgona go ikgethela se ene a batlang go se ja go na le mo malobeng a ne a fitlhela a phutheletswe dijo tse a sa di rateng.

O supile fa ene a neetse ntsalae karata eo go mo e beela sentle le dikarata tsa gagwe tsa dibanka, ka e le ene motlhokomedi wa gagwe. A re o tlaa e tshwara ka manongtlhotlho ka a itemogetse fa e dirilwe boturu.

Fa a tswa la gagwe, Mme Nchidzi Malopa ene o tlhalositse fa karata ya gagwe e ne e tlhokomelwa ke nkukuagwe mme e bile a ne a nna a e bofeletse ka letselanyana go bona gore ga e kgobolwe ke sepe.

A re pele ga dikarata, mephuthelwana e ba neng ba e beelwa mo mabentleleng e ne etla e se mmogo nako tse dingwe gape ba ne ba neelwa melora e mennye mme a supa fa ka karata a kgonne go ithekela melora e mentsi ka a ne a tlhatswa paka ya sekole thata ka jalo a tlhoka melora e megolwanyane.

O rotloeditse botlhe ba ba dirisang dikarata tseo go di babalela ka di ba thusa fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Moroka

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2015