Botlhokatsebe jwa banana bo a 8232tlhobaetsa
21 Jul 2015
Bogosi jwa Kedia mo kgaolong-potlana ya Boteti bo supile fa botlhokatsebe jwa banana bo ile magoletsa, bo tshwenya ebile bo kgoreletsa ditlhabololo le kagiso mo motseng.
Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA Kgosi Akanyang Shimane o tlhalositse gore banana ba iphitisa nnotagi, selo se a supileng fa a etse tlhoko fa e le sone se bakang maitsholo a a
makgaphila, go itseela dikobo ka dikgoka,dipolaano tsa baratani le bogodu jwa leruo.
Kgosi o boletse fa diemo tse di oketsa lehuma mo motseng ka banana ba tlogela dikole morago ga go tlhokela barutabana ba bone botho le go ba tlhapatsa.
O tsweletse a tlhalosa fa baithuti bangwe ba tlogela sekole gore ba tle ba kgone go nwa bojalwa le go dirisa ditagi ka tshosologo.
Nngwe ya dilo tse a boletseng fa di oketsa boitaolo jwa banana ke letlhoko la ditiro.
A re se se dira gore banana bangwe ba ineele go utswa leruo ba leka go itshetsa ka lone le go ikhumisa.
Kgosi o ne a tswelela a tlhalosa fa a bona ba lephata la temo-thuo phoso ka go letlelela banana go kwadisa ditshipi go tshuba dikgomo ba sa tlhotlhomisa gore a mme ba na le leruo
le ba ka le tshubang.
O tsweletse a bolela fa barekisi ba bojalwa e le bone ba gakatsang seemo sa borukutlhi le botlhokatsebe ka ba sa obamele dinako tsa go tswala marekisetso a nnotagi gape ba rekisetsa
le bana ba sekole.
O ne gape a gatelela gore go na le ditiragalo tsa botlhokatsebe ko mafelong a nnotagi.
Kgosi Shimane o ne a akgola ba sepodise sa Ipelegeng ka ba tsibogela diemo tse ka go tsamaya ntlo le ntlwana, mafelo a nnotagi le motse otlhe ba ruta setshaba le go lwantsha
maitsholo a a seng mantle le borukutlhi.
O ne gape a tlhalosa fa ba bereka le ba boipelego, sepodise le komiti ya ditlhabololo tsa motse go leka go tsisa tshisibalo mo motseng wa gagwe.
O boletse fa sepodise sa Ipelegeng sa motse wa Kedia se se eteletsweng pele ke ene kgosi se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Boteti morago ga dikgaisano le ditshekatsheko, a re se se supile fa motse wa gagwe o gatetse pele mo go lwantsheng borukutlhi ebile go lemotshega fa dipalo tsa borukutlhi mo motseng wa gagwe di fokotsegile go feta mo metseng e mengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : Kedia
Event : Potsolotso
Date : 21 Jul 2015






