Mo-na-le bogole o itshetsa ka tshingwana
21 Jul 2015
Rre Boitumelo Tiego wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano ebile e le mo-na-le-bogole mo kgotlaneng ya Moatshe mo Lerala o ikiteile ka thupana go kgaratlhela go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Rre Tiego o ne a utlwalela ka lenaneo la Nyeletso Lehuma mme ya re morago a kopana le kgosi go buisana le ene ka lone lenaneo le.
Mme ka a le tlhaga thata mo go tsa temo a felela a itlhophetse go dira temo ya merogo morago ga go lemoga fa seemo mo lapeng la gagwe se sa tokafale.
A ya go ikoketsa dithuto ka tsa temo ya merogo ko Tlamelong Rehabilitation Centre lebakeng la dingwaga tse pedi.
Morago a thapiwa ke Rre Motsamai Tau, a tswelela a bereka gape le Rre Pelonomi Molemogi lebaka la dingwaga tse nne le dikgwedi tse tharo.
Rre Tiego a re morago ga go tlhoka tiro ya sennela ruri le go tlhoka go kgotsofalela madi a a neng a a amogela o ne a bona go le matshwanedi go ikopela dithuso mo lenaneong la Nyeletso Lehuma gore le ene a tle a tsoge a tokafaditse botshelo jwa gagwe.
O ne a ya kwa ofising ya boipelego go isa kopo ya gagwe ya go simolola lenaneo la tshingwana ya merogo mme ya re morago ga dirwa tshekatsheko a felela a isiwa thutuntshong kwa Sehunou, Lerala le Maunatlala kwa go weditseng dithuto teng.
Ka jalo ya re ka Ngwanatsele ngwaga o o fetileng kopo ya ga Rre Tiego ya atlega mme a neelwa tsotlhe tse di tlhokegang go simolola tshingwana ya merogo.
O kaile fa tshingwana ya gagwe e kgabile ka morogo wa rape, spinach le chomolia mme maikaelelo a gagwe ke go godisa tshingwana le go e tokafatsa go ya ka dipaka.
Morago ga go lemoga fa a na le bokgoni le botsipa jo bo tseneletseng jwa temo ebile le tshingwana e dira sentle, Rre Tiego o ne a felela a ikokeleditse tshingwana e ka a eletsa go nna le dipoelo tse di botoka.
Go ya ka ditebo tsa matlho Rre yo ke ene fela mogaka yo e rileng a sena go neelwa thuso a bo a atolosa tshingwana ya gagwe.
Rre Tiego o kaile fa mo nakong e ntsi a thusiwa ke motlogolo wa gagwe go rekisa morogo le go tshela menontshane mo tshingwaneng ya gagwe ka a sa kgone go kgorometsa kiriba.
O kaile fa thekiso e tsweletse sentle ka dipoelo di nametsa mme ebile a santse a na le bareki ba mo gae fela.
A re fa gare ga beke bareki ba rekela morogo mo lapeng mme e re ka mafelo a beke motlogolo wa gagwe a latele bareki ko malapeng a bone ka kiribane.
O tlhalositse gape fa bareki ba gagwe ba itumedisiwa thata ke se a se ba neelang ka ba tla gangwe le gape ko go ene ba tsile go reka morogo.
O supile fa a ise a nne le bothata bope le mmaraka mme o kaile gape fa ngata ya gagwe ya morogo a e rekisa dipula tse supa.
A re ka dipoelo tse a setseng a kgonne go di bona o duela metsi gape o oketsa tshingwana go fitlhelela e wela kwa a batlang teng ke gone a tlaa bolokang madi kwa bankeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Potsolotso
Date : 21 Jul 2015






