Breaking News

Tshwaragano ya mapodise le setshaba konokono

16 Jul 2015

Maiteko a go lwantsha borukutlhi le gone go sireletsa setshaba a ka nonotshiwa ke tshwaragano ya setshaba le mapodise.

Seo se builwe ke ramapodise-mogolo wa kgaolo ya Borwa, Rre Oreeditse Mautle mo phuthegong ya kgotla kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi bosheng.

Rre Mautle a re tshawaragano ke leano le le nonofileng le Batswana ba ka le ikanyang go fenya botlhabetsi mo setshabeng, a tswelela ka gore seo se ka thusa merafe go itlhoma kwa pele mo ditlhabololong tsa motse, go aga tshaba e e utlwanang e bile e tlotlanang le gone go fa mapodise seriti go dira tiro ya bone ka botswerere.

Fa a ama tsa bogodu jwa leruo Rre Mautle o ne a akgola mapodise a kgaolo go bo a tshwere ka thata go lwantsha seo.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodise a dira se se kgonegang go lebisa dirukutlhi melato ya bone ka botlalo mme seo se tlhoka kemo nokeng ya setshaba ka dinako tsotlhe.

A re mapodise a tlhoka kemo nokeng, a rotloetsa morafe go thusa ka ditsela di tshwana le go loma mapodise tsebe ka sepe fela se se fatlhang leitlho.

E re ka motse wa Werda o kopanetse molelwane le Aferika Borwa ramapodise o ne gape a ama dikgang tsa polao le gone go tlodisa diphologolo tsa naga di akaretsa sika loo katse, le lone letsomo le le seng ka fa molaong.

Rre Mmautle a re ba eme sentle go fedisa seo ka di patorolo le yone tirisano mmogo le mapodise a Aferika Borwa.

Ramapodise o ne gape kgala tiriso botlhaswa ya dino le ditagi a re ke tsone di bakang masula otlhe a akaretsa botlhoka tsebe le dintwa
gareng ga tse dingwe.

O ne a tshephisa morafe fa mapodise a le malala a laotswe go netefatsa gore ba thusiwa ka botswapelo ka dinako tsotlhe, a ba a kgothatsa gore le bone ba ikele tlhoko le gone go ikgapha mo ditseleng tse di ka ba gogelang mo thaelong ya go tlola molao.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Phihadu o ne a akgolela mapodise maiteko a ba tsweletseng ka go a supa a go lwantsha borukutlhi bogolo jang jwa
bogodu jwa leruo jo bo anameng thata mo motseng wa gagwe.

O ne a tswelela ka go kgala mokgwa o batho bangwe ba sa obameleng dinako tsa thekiso ya dino, le gone go gweba ba sena diteseletso. 

Kgosi o ne gape a kaya fa a tshwentswe ke banana ba ba inaakantseng le go senya bokamoso jo bontle ka tiriso ya ditagi le ntswa di ka seke tsa ba sologela molemo ope. BOKHUTLO

 
 

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : WERDA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jul 2015