Breaking News

Puso e emela ba-na-le-bogole

17 Jul 2015

Mmuso o seegetse fa thoko P207 million go dirisa mo dituelong tsa bana-le-bogole le lenaneo la SHAA, la tlhabololo bonno le la Turn Key mono ngwaga moragp ga gore madi a SHAA a okediwe.

Seo se tlhalositswe mo diphuthegong tsa kgotla tsa kgaolo ya Lerala/Maunatla ke mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele, le kwa metsing ya Mathakola,Mokungwane,Malaka le Lecheng kwa aneng a digela leeto la gagwe la beke teng maabane.

Mopalamente gape ele tona ya ditsha le matlo, one a tlhalosa fa puso eya gothusa bana le bogole bale 5 000 mono ngwaga ele tshimolodiso ya lenaneo, ka P30 million lefatshe lotlhe, b abo baduelelwa le melala ya bone gotswa kwa go Moranang.

One a tlhalo sa fa go ya go dirwa ditsheka tsheko tse ditseneletseng ke ba boipelogo le ba bongaka go bona gore a batho baba duelwang ke ba batshwanelwang ke goduelwe, fa godimo ga moo baba mo mananeong a mangwe jaaka a dituelo tsa bagodi, dikhutsana ga bana baruntshiwa ditshwanelo tse bantseng bathusiwa ka tsone fela ka gore jaanong baya go duelwelwa gore bana-le-bogole kana ke bagodi kana bagaka bantwa.

Madi a mangwe a P30 million ke a a yang go dirisiwa mo lenaneong la SHAA, la tlhabololo ya bonno, fa P147 a ya go dirisediwa kago ya matlo a Turn Key.

Mopalamente Rre Maele one a kopa batsadi go buwa le bana ba bone go bathusa go ba agela ka goduela madi a a eseng a sepe a a kanang ka P250-P350 kgwedi le kgwedi.

One gape a tlhalosa fa dipitsa tsa motlakase kwa morupele dina le mathata, mme gotsweletswe ka go baakanya morago ga gore kompone e e neng e neetswe tiro eo e palelwe ke go e dira

Mopalapmente one a tlhagisa ba Mokungwane le Mathakola go emisa go rekisa ditsha, are bantse fa godimo ga teemane, ka golemosegile fa motse wa Palapye otlaa golela kwa metsing eo mo dingwaga tse ditlang.

Oile a supa fa mo metsing e e neng e saletse morago mo kgokelong ya motlakase, mengwe ya one e setse e goketswe, mme a kopa gore a batho ba ikwadisetse gotsenya motlakase ka dipalo tse dikwa godimo gosupa fa ba o nyoretswe.

One gape a lebogela Mme Orelebile Ntlhophe gobo a beile kgaolo ya gagwe mo Mmepeng ka go dira ka natla mo lenaneo la nyeletso lehuma, mme Nthophe o rekisa ditlhare tsa mekgabisa letsa maungwe, gape o direla batho mekgabisa ya dithunya.

Banni ba metse eo bane basupa fa monongwaga, motho le seruiwa di ya gonyelediwa ke leuba ka dipula di dikile dile boutsana, bane gape bangongoregela tiego ya mananeo a puso bare go kgoba marapo le ba bareng ba a iteka

Ba Mokungwane le Mathakolabane basupa fa godirwa gatsela ya bone gole bonya le gone gore ga eya tlhapa bana ba metse eo ka dipalo tse dintsi.

Barutabana ba Sekole se sebotlana sa Mokungwane bane baakgolelwe go ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, le gore gape ba innakantse le gotsenya letsogo mo gothuseng bao ba bathokang, ele gotsibogela selelo saga tautona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jul 2015