BHC e abetse badiri ba Prisons matlo
17 Jul 2015
E ne yare bosheng ba BHC ba abela badiri ba lephata la Magolegwa matlo a tlhwatlhwa ya P6.1 million kwa Baines drift.
Seo se builwe ke mogolwane mo lekalaneng la tsa go tshwantsa tsa kago ya matlo a BHC Rre Stephen Bolebano.
A re tshimologo ya lefelo la Baines Drift e ne e le moraka, mme a supa fa tshwaragano ya BHC le ba lephata la magolegwa e le botlhokwa mo setshabeng.
A re ba BHC ba simolotse thulaganyo ya go agela badiri ba lephata la magolegwa ka ngwaga wa 2014, mme ba kopana le dikgwetlho di akaretsa
tlhaelo ya metsi kwa Baines Drift.
Rre Bolebano o tlhalositse fa ba gwetlhilwe ke gore badiri bao ba ne ba na le letlhoko la boroko, a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo go aga matlo ao, ka jaana fa ba aga go ne go sena batho mo kgaolong eo, ka ba ne ba ba tsaya badiri ba nakwana kwa mafelong a Bobonong,Selebi Phikwe le Palapye.
O tlhalositse fa ba agile matlo a ferabobedi kwa Baines Drift, mme ba ya go tswelela ba aga a mangwe mo mafelong a mangwe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa BHC e agile a le supa kwa Gaborone kwa Block 7 ba boa ba aga a mangwe gone kwa Gaborone a le lesome, Francistown ba agile matlo a matlhatlaganyane fa kwa Mahalapye le gone ba agile a ferabongwe, mme mo bogaufing ba tlaa a bula semmuso.
O tlhalositse fa ba ne ba thapile kompone ya leina la 247 ya ga Rre Motsamai Shanzinza go aga matlo a Baines Drift. A re rre yoo o agile matlo ao ka botswa pelo jo bo kgatlhisang e le motho wa Motswana a sa kgaramediwe mo tirong ya gagwe.
E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa wa kgaolo ya bokone Rre Oageng Diseko a amogela baeng a tlhalosa fa BHC e dirile bontle le botsalano gore lephata la bone le nne kwa godimo bogolo jang mo badiring ba bone.
Mookamela lephata la Magolegwa mo Botswana Rre Silence Motlalekgosi a re maikaelelo ke go agela badiri ba bone matlo a matlhatlaganyane, gore ba nne le kgatlhego ya go tla mo dikgaolong, ba seka ba ganelela kwa ditoropong.
O ne a supa fa dilo di le tharo tse di jaaka kgololosego, tshireletso le go tshela sentle bogolo jang le baagisani le go kopanela boroko di le botlhokwa.
Rre Motlalekgosi a re go le gantsi bana ba golela kwa ditoropong, bakeng la letlhoko la boroko.
O supile fa lephata la bone le tlaa leka bojotlhe go agela badiri ba bone matlo a boroko mo mafelong a Kasane,Tsabong, Baines Drift le Letlhakane. Le gore kwa bofelong lefelo la Baines Drift le kgatlhise ka go itemela merogo le maungo le tse di kgabisang lefelo leo.
O ne a rotloetsa badiri go tlhokomela matlo a ba a agetsweng le go dirisana le ba sepodise ka ba mo lefelong le lengwefela ka jalo go ka dira gore tiro ya bone e nne bonolo.
Mogolwane wa magolegwa kwa Baines Drift Rre Oletile Nfanyane o tlhalositse fa a na le badiri ba le masome a mararo le boraro le magolegwa a le masome a supa le boferabobedi.
E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa Mme Taduma Christmas a a fa malebogo a supa fa lefelo la Baines Drift e ne e le sekgwa fela mo dingwageng tse di fetileng, fa mo nakong eno e le bontle jobo tsabakelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Go rolwa semmuso ga matlo
Date : 17 Jul 2015






