Puso e tokafatsa ditirelo ka maranyane
16 Jul 2015
Puso ya Botswana e simolotse go inakanya le tiriso ya maranyane a sesha a dikhompiutara go tlamela setshaba ka go simolola lenaneo le le kopanyang puso le maranyane, le ka Setswana le ka bitswang gotwe goromente wa maranyane (e-Government).
Maikaelelo a thulaganyo e ke gore puso e tokafatse e bo e tlhabolole ditirelo tsa puso gore setshaba se di amogele ka bofefo di na le boleng jwa maemo a ntlha,
Erile mo tlhatlhelelong dikitso ya malatsi mabedi mo Palapye ke lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le ikopantse le ofisi ya maranyane, Mme Keba Nyati, mokwaledi a supa fa moono wa letsatsi e le go tlhomamisa tsetla ya maitlamo a ditlhabololo tsa tiriso ya go dirisana ka boranyane le boitseanape.
O rile tsetla e e ne ya fetisiwa ke palamente ka ngwaga wa 2007 e le yone e e neng e diretswe go ka nna tsela e e ka fetolang le go tokafatsa diemo tsa botsalano, mo go tsa papadi, ngwao le tsa sepolotiki ka tiriso ya boitseanape.
O tsweletse a tlholosa gore Maitlamo e itebagantse le go gasa ditirelo tsa puso lefatshe ka bophara le go di dira bonolo gore di amogelwe ke setshaba.
Mme Nyati o ne a tlhalosa fa maikaelelo a maranyane e le go dira setlhopha sa bodiredi jo bo ka thusang mo ditsamaisong tsa lenaneo le.
O ne a gwetlha badiri ba ga goromente go bereka ka tlhwaafalo go tlhaloganya se ba tshwanetseng go se dira ka go le botlhokwa. O ne a tlhalosa gore fa badiri ba ka dirisana mmogo, go ka nna le diphetogo tse dintle.
A re lenaneo la ga goromente la tiriso ya boranyane jwa dikhompiutara le ikaegile ka bodiredi ba ga goromente ba ba tlhaga ebile ba na le tebelopele le maatla mo tirong go fetolela maikaelelo a a beilweng ke goromente, go a dira dithulaganyo tse di atlegileng.
O ne a ikuela mo babereking go nna le seabe sa setlhopha se se ka tsisang phetogo.
Rre Abraham Keetshabe go tswa kwa ofising ya ga Tautona e rile a latlhela la gagwe, o ne a tlhalosa fa ditirelo tsa ga goromente tsa go dirisa dikhompiutara di ka dira tiro motlhofo.
Mme o ne a tshwaela gape fa go na le borukutlhi jwa maranyane a dikhompiutara mme a tswelela a re go na le melawana e e tlaa inaakanyang le borukutlhi jwa mofuta o.
Mo posolotsong Mme Nyati o ne a tlhalosa fa bokopano jwa bone le badirelapuso e le go ba rutuntsha ka dikgang tsa go nna jaana le go ba tlhofofaletsa tiro gore ba tle ba kgone go ka dirisanya sentle le setshaba se se tla bong se tlhoka dithuso tsa bone.
Mme Kitso Dithokwa yo e leng ene mookamedi puso wa maranyane, o ne a tlhalosa fa lenaneo le le tlaa gokaganya ditirelo tsa maphatla a a farologaneng a ga
goromente mo potwaneng ya gagwe (1 Government Portal) mme ga dirwa gore setshaba se kgone go nna le sebaka sa go bona melaetsa le dikitsiso tsa ga goromente bosigo le motshegare mo malatsing a supa a beke.
O ne a bolela fa mo nakong ya gompieno lephata la gagwe le dira ditekeletso tsa go dirisa yone potwana ya ga goromente mme a tlhalosa gape fa tsholofelo ya bone e le gore pele ga ngwaga o o fela ba bo ba weditse ditekeletso ebile lenaneo la teng le bo le simolola go ka dirisiwa ke Batswana.
A re lenaneo la teng le tlaa bo le neela Batswana sebaka sa go itseela difomo tsa ga goromente mo potwaneng ka dikhompiutara tsa bone le megala ya lotheka ba bo ba di tlatsa mme ba di romele gape ka dikhompiutara le ka megala ya bone ya lotheka ba sa tlhoke go ya kwa diofising tsa ga goromente, se e le go tokafatsa ka fa setshaba se thusiwang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : PALAPYE
Event : Tlhatlhelelo dikitso ya lephata la puso
Date : 16 Jul 2015






