Ba atla ditlhabololo
15 Jul 2015
Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o supile fa a lebogela ditlhabololo le ditirelo tse di mo motseng oo.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re ntswa ditlhabololo di tla ka go rotha, gone ga ba galale ka jaana pharologanyo e a bonala e bile e a nametsa.
A re ditlhabololo di akaretsa sekolo se se potlana, kokelwana, lefelo la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, le tse dingwe tsa botlhokwa ka go farologana di fetotse tebego ya motse.
Kgosi Kgosi a re tsone ditlhabololo tse di gorositse ditirelo le ditlamelo kwa bathong ka jaana ditlamelo di akaretsa tsa botsogo, thuto le tse dingwe, banni ba motse ba di bona ntle le go kgarakgatshega.
O supile gape fa ba itumedisiwa ke go bona kokelwana ya motse e fa diritibatsi, a re ntswa ba tle ba itemogele tlhaelo ya melemo gone go sa tshwane le fa go sena gotlhelele.
Kgosi o bile gape a supa fa mananeo a puso a gorogile mo motseng e bile a tseetswe kwa godimo.
Le fa go ntse jalo, a re didirisiwa tsa mangwe mananeo di tsaya lobaka go goroga le ntswa baikopedi ba setse ba tseneletse ithutuntsho tebang le go tsamaisa le tlhokomelo ya mananeo a ba ikopetseng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Kgosi o supile fa a sa ntse a le a le bête se molangwana ka thekiso ya majalwa a setso e e diragalang mo motseng.
A re bangwe barekisi ga ba sale melao ya thekiso morago, fa bangwe tikologo e ba rekisetsang mo go yone bophepa jwa yone bo sa kgatlhise.
Kgosi Kgosi a re bangwe ba rekisa one majalwa a, go nwela mo lapeng ntswa go sena matlo a boiteketso mme se se bake kgotlelesego ya tikologo ka jaana go felelwa go itiketswa gongwe le gongwe.
O bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke bogodu jwa leokwane jo bo tsweletseng ka go diragala kwa lefelong la mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo.
A re tshenyo e e felela e baya banni ba motse ka fa mosing ka jaana go kgoreletsa tlhaeletsanyo gape go busetsa ditiro tse di dirwang ka maranyane a tlhaeletsanyo kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Kutamogoree
Event : Potsolotso
Date : 15 Jul 2015






