Breaking News

Dikwididi o lebogela 8232motlakase

15 Jul 2015

Banni ba Dikwididi mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogile puso go bo e
goketse motlakase mo motseng wa bone.

E rile a a fa pego mo
 phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi mongwe wa maloko a
komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Mosadinyana Lephogole a supa fa
motlakase o tlisitse pharologanyo e ntsi mo motseng wa bone.

Le fa go ntse jalo o ne a
kopa gore le kokelwana ya bone e gokelwe motlakase a tlhalosa gore go tlhoka
motlakase ko kokelwaneng ya bone go baya baoki ba bone le bone balwetse mo
diphatseng a tlatsa ka gore dinako tse dingwe baoki ba patelesega go bereka
bosigo le ntswa go sena se ba tshubang ka sone.

Mo go tse dingwe Mme
Lephogole o ne a kopa gore ba thusiwe ka go agelela mabitla a motse oo a supa
fa bone e le komiti ya ditlhabololo ba sena ditsompelo gore ba kgone go dira
jalo.

O ne gape a kopa gore sekolo sa bone se se botlana se
direlwe lebota a tlhalosa fa se bapile le marekisetso a bojalwa se a kaileng fa
se sa siama a tlatsa ka gore nako ka bontsi bana ba sekolo ba itewa tsebe ke
dilo tse di diragalang kwa lefelong leo.

O tsweletse a kopa le leobo
la mo kgotleng a supa fa mo kgaolong ya bone makgotla ka bontsi a setse a na le
maobo a a tlhabologileng mme bone ga ba ise ba direlwe leobo le le siameng.

Mme Lephogole o ne a bua a sa
kgwe mathe ka lefelo le ba eletsang go le dira la diphologolo a re e sa le ba
ikopetse setsha mme ba kabo ditsha ba Kgatleng ba maoto a tshupa go ba thusa.

A re ba na le dingwaga ba
ikopela setsha seo mme nako kgolo ke eno mme o ne a tlhalosa fa ba tlaa felela
ba ya go ikuela kwa go Tautona ka sebele.

O boletse gape gore ga ba na
mma-boipelego yo e leng wa bone a tlhalosa fa ba mo pataganetse le ba metse ya
Oodi le Matebele mme o ne a kopa molaodi go tsibogela kgang eo.

O ne gape a supa matshwenyego
ka tsela ya Modipane-Dikwididi a re ga e mo seemong se se siameng a re e ba
senyetsa dikoloi a kopa gore e baakanngwe go hema dikotsi.

Fa a tsibogela dikgang tseo
Mme Maitumelo Maemo go tswa kwa ofising ya ga molaodi o ne a supa fa ba tlaa
sala dikgang tsa bone morago go bona gore matsapa di a tsaya kae.

Le fa go ntse jalo o ne a ba
tlhalosetsa gore maikaelelo a diphuthego tsa mofuta oo ke go tla go ruta
setshaba ka mananeo a puso le go utlwa gore a ditirelo ba a di bona mo
bodirelapusong.

O ne a tshwaela gape a re
puso e lemogile gore ga gona ditiro bogolo jang mo bananeng mme a re e dule ka
mogopolo wa go dira mananeo a a akaretsang la Tirelo Setshaba, la ithutelo tiro
(internship)le go tlhama la ditiro tsa nakwana gore bogolo ba seka ba nna fela
.

A re puso e na le maikaelelo
a go tlhabolola dikole ka go farologana le gone go tokafatsa thuto ya lefatshe
leno mme o ne a kopa batsadi go ema ka dinao le bone go tshwaraganela thuto ya
bana le barutabana.

Molaodi Maemo o ne a tlhalosa
fa bontsi jwa batsadi ba sa tsibogele thuto ya bana a tlhalosa gore nako kgolo
ke eno.

A re bangwe batsadi ba na le
mokgwa wa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme o ne a kopa
gore dikgang tsa mofuta oo di begelwe mapodise.

Kwa bofelong o ne a kopa
dikomiti tsotlhe mo motseng oo go bereka ba le seopo sengwe a tlhalosa fa seo
ka bonosi se ka fetola seemo sa matshwenyego a mangwe mo motseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 15 Jul 2015