Breaking News

Mokgatlho o tswa thuso

15 Jul 2015

Mokgatlho wa The African Women Leadership Academy (TAWLA) ba tshwaragane le ba Air Botswana le ba mokgatlho wa itshidilo mmele wa Curves ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela malwapa a le mararo dimpho kwa motsing wa Gopong ka mafelo a beke.

Dimpho tseo di akaretsa dikobo, diaparo tsa bagolo le bana, dijo, melora e e tlhatswang le e e tlhapang, ditlolo le tse digwe.

Malwapa a a abetsweng dimpho tseo ke a bana ba masiela, ba ebileng bangwe ba bone ba santse ba tsena sekolo mo sekolong se sebotlana, mme dimpho tseo ba ne ba di amogelelwa ke batlhokomedi ba bone.

Erile mosimolodi wa mokgatlho wa The African Women Leadership Dr Mpho Gilika a bua kwa tirong eo ya Kabo dimpho a tlhalosa fa mokgatlho wa gagwe ele wa bopelotlhomogi ka jalo a ne a itshwaraganya le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gopong go ba batlela malwapa a le mararo a bana ba masiela go ba thusa a tlhalosa fa mokgatlho wa gagwe o ne o dira jalo o ikaegile ka lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko ebile e kgathala.

Dr Gilika o tlhalositse gore ba ne ba itshwaraganya le ba Air Botswana le CURVES gore batle ba kgone go thusa bana bao go le go golwane mme dikeletso tsa bone tsa atlega, a re ba dirile gore dikobo e nne bontlha bongwe jwa dimpho tsa bone gore di thuse bana bao mo pakeng ya mariga.

O tlhalositse fa mokgatlho wa gagwe o simologile ka ngwaga wa 2010 o tlhamelwa go ruta le go thusa bana ba basetsana mo dikgwetlhong tsa botshelo tse ba kopanang natso, ka jaana setshaba ka kakaretso se lemogile fa bana le dikgwetlho.

A tlhalosa fa gone ga tloga ga lemogwa fa bana ba basimane le bone bana le mathata ka jalo mokgatlho o o ba thusa botlhe go ba kgapha mo ditirong tse di k aba senyetsang bokamoso tse dingwe tsa tsone eleng boimana jwa banana, ditagi le tenego .

Dr Gilika a re ba neela bana dithuso ka go tshwara dithuto-puisanyo le bone go ba rut aka ditla morago tsa dilo tse, a tlhalosa fa gantsi ba di tshwarela mo dikolong, a re ba dikolo le bone ba kgona go ba laletsa gotla go buisa bana le barutabana , mme ba tsise kagiso le neelano fa gona le bothata bongwe magaring ga baithuti le barutabana.

E rile rre Thabiso Leshoai a bua mo boemong jwa Air Botswana a bolela fa ba itshwaragantse le mokgatlho wa The African Women Leadership Academy k aba bona ele mokgatlho o o dirang tiro e ntle thata ebile ele boylhokwa mo matshelong a batho.

E rile go le pele a amaogela baeng kgosana ya tetlanyo kwa Gopong rre Kgosimodimo James a leboga makalana ao ka boraro jwa bone ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mme a ba kopa gore makalana a bone a gole bat le ba tswelele ka go thus aba ba tlhokileng lesego.

Ba malwapa a a abetsweng le bone ba ne ba bolela fa ba itumeletse dimpho tseo fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Jul 2015