Banana ba Ghanzi ba kgothadiwa go itshetsa ka ditalente
15 Jul 2015
Banana ba kgaolo ya Ghanzi ba rotloeditswe go dirisa ditalente tsa bone tsa bodiragatsi go itshetsa ka lefatshe leno le lebanwe ke letlhoko la ditiro le le ko godimo la banana.
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa Ghanzi, Rre Jacketor Marambe o buile se mo maitisong a mmino wa setso o o neng o rulagantswe ke komiti ya ditshupo e tshwaragane le ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao e le bontlhabongwe jwa go godisa ditshupo le mowa wa bodiragatsi mo bananeng.
Modulasetilo o rotloeditse banana go fokotsa go ikaega fela ka dithutego tsa bone mme ba di lomaganye le ditalente tse ba nang le tsone gore di tle di ba tswele mosola le go ba tshetsa, o kopile banana go bopa ditlhopha tsa bodiragatsi ka di ka ba tshetsa le go ba ntsha mo mekgwatheng.
A re o itumelela thotloetso e lephata la banana metshameko le ngwao le e fang komiti ya gagwe ka go supa le na le maikaelelo a go godisa ditshupo ka ba ne ba tsisitse ditlhopha tse di gapileng maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa ga Tautona lefatshe ka bophara di akaretsa mafelo a tshwana Tlokweng, Molepolole, Etsha, Khuis le a mangwe.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Gobonaone Ramoupo a re lephata la gagwe le tsere boikarabelo jwa go nna le seabe sa go godisa le go bopaganya setshaba ka go rotloetsa tshomarelo le kgodiso ya ngwao.
Rre Ramoupo a re o akgola ba komiti ya ditshupo go bo ba bone go tshwanela gore ba tshwaragane mme e nne barotloetsi ka go rotloetsa one moletlo o, a re gape ba tshwaraganetse letsholo la go netefatsa fa tsa botaki le tsa ngwao di tswelela ka go nna tsela ya itshetso le go godisa
itsholelo.
A re setlhogo sa ditshupo tsa Ghanzi ke temo-thuo, go dira ka go ipeela seelo se se ko godimo, le go dumela gore sengwe le sengwe se ka
kgonagala le go dumela mo maduong a a ko godimo.
A re maikaelelo a bone ke go dirisa moletlo o gammogo le ditshupo ka kakaretso go tlotlomatsa kgaolo ya Ghanzi,
go rotloetsa kgwebo, bojanala le go ipela ka dingwao tse di farologaneng.
Moeteledipele wa setlhopha sa Dipela tsa ga Kobokwe go tswa Molepole se se neng se tsere karolo mo moletlong o, Rre Ontefetse Porogo, a re o itumelela go bo ba filwe sebaka sa go tla go diragatsa mmino wa phathisi o o sa tlwaelesegang mo Ghanzi.
A re se se supa gore mmino o tshwaraganya setshaba, a re setlhopha sa gagwe ke bo mmampodi ba mmino wa phathisi mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng tsa dikgaisano tsa ga Tautona mme le mo ngwageng ono ba ya ko makgaolakgannyeng a dikgaisano tse gape.
Rre Porogo a re o lebogela thotloetso e ba e bonang mo lephateng la banana metshameko le ngwao, a ba a rotloetsa banana go tsaya
ditalente tsa bone le bodiragatsi ka tlhwaafalo ka di ka ba tshetsa.
O rotloeditse banana go bereka ka thata, go nna le botho ga mmogo le go reetsa dikgakololo tsa batsadi gore ba kgone go atlega mme le ditlhopha tsa bone di
gole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Maitiso a mmino wa setso
Date : 15 Jul 2015






