Mapodise a tlhotlhomisa leso la ngwana le mmaagwe
15 Jul 2015
Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa dintsho tse mo go tsone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi le ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tse tlhano go belaelwang ba nole sengwe se se botlhole.
Go ya ka mothusa mookamela mapodise a Good Hope Assistant Superintendent Batshwari Gaobatlelwe, bosheng mo motshegareng ba ne ba begelwa fa mme mongwe le ngwana wa gagwe ba ragoseditswe kwa kokelong ya Good Hope morago ga go lemoga fa ba sa tsoga sentle mme go belaesega ba nole sengwe se se botlhole.
Assistant Superintendent Gaobatlelwe a re ba ne ba tabogela kwa sepatela mme ba fitlhela bobedi joo bo santse bo tlhatlhobiwa ke dingaka mme ka go tlhoka lesego ba ne ba felela ba tlhokafala.
A re ba ne ba ya ko lelwapeng la mme yoo go ya go tlhotlhomisa se se ka tswang se diragetse, mme a re ba ne ba fitlhela kopi e supa fa ba nole sengwe se se neng se tshetswe mo go yone, a re go lebega selo seo e le botlhole ka le ba bongaka ba supile fa go lebega ba nole sengwe se se botlhole. Superintendent Gaobatlelwe a re ba santse ba tlhotlhomisa tiragalo e go bona gore ke botlhole jwa mofuta mang jo bo ka tswang bo gapile matshelo a bobedi jo.
E re dikgang di eme jalo, Assistant Superintendent Gaobatlelwe a re go tlhagogile borukutlhi bosheng mo motseng wa Good Hope jo a reng go na le magotswana mangwe a a tsenelelang banni mo malwapeng a bone ka dinako tsa go itisitswe mo maitsiboeng ba ba amoga dithoto tsa bone di akaretsa megala ya matheka le di laptops.
Assistant Superintendent Gaobatlelwe o ikuela mo setshabeng sa Good Hope gore ba nne ba itotleletse mo matlong gore go se nne bonolo mo magotswaneng a go tsena mo matlong. O kopile setshaba go ba thusa go tshwara magotswana ao, a re fa ba ka bona ope fela a rekisa dilo tsa go tshwana le tseo, a ba lome tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GOOD HOPE
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 15 Jul 2015






