Breaking News

Komiti e moko o thata

15 Jul 2015

Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Serowe, Rre Keletso Rakhudu a re ba batla go tokafatsa ditshupo tseo, tse a reng di ne di simolotse go bopama go di dira ditshupo tsa mmamoratwa.

Rre Rakhudu a re ba ikiteile sehuba go fa ditshupo tseo boleng gore e nne kwa balemi-barui ba ka bonang mmaraka o o botoka teng le go
nna mmaraka wa dithoto kgotsa didirisiwa tsa temo-thuo.

A re ba batla go ikaga sesha go aga mmaraka wa maemo a ntlha, a tlatsa ka gore “re batla gore go kwatabolotswe mo go rona.”

O tlhalositse gape fa ba laleditse ba temo ya merogo le maungo go nna karolo ya ditshupo tse, le bagwebi ba ba farologaneng, le bone ba ba mo motseng wa Serowe tota.

Ditshupo tsa ngwaga ono tse di tlaa simologang kgwedi eno e le masome mabedi le bobedi go fitlhelela e le masome a mabedi le borataro, a re di tlaa bo di na le masaka a dikgomo a le masome a fera bobedi le a dipodi a le masome mane. A re ba logile masaka a ditshipi a a tlaa dirisiwang ngwaga ono le dingwaga tse di tlang.

Di tlaa nna gape le mafelo a ditshupegetso a a fetang masome a marataro.Ditshupo tse, Rre Rakhudu a re di tlaa bulwa semmuso ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kgwedi eno e le masome mabedi le bone mme go nne le palabalo  kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro.

Rre Rakhudu o tlhalositse fa ba tlaa tsisa baatlhodi ba ba ithutetseng tiro eo, ebile e le bo mmantswitswidi mo mohameng o ba tlaa o atlholang go ntsha pelaelo mo batsaakarolong gore ba seka ba nyema moko.

A re dikatso tsa bafenyi di tlaa tokafadiwa go tiisa balemi-barui moko le go ba rokotsa mathe gore ba tswelele ka go nna karolo ya
ditshupo tseo.

Rre Rakhudu o tlhalositse fa go tlaa nna le mabelo a dipitse pele ga ditshupo tse, kgwedi eno e le lesome le borobabobedi.

A re ba rulagantse gore ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse di mo leking e tona kwa Serowe (Miscellaneous le Green Lovers) di iteisane borathana ka nako ya ditshupo.

Morago ga ditshupo tse, a re ba tlaa bo ba simolola go baakanyetsa tsa ngwaga o o latelang, ebile a supa fa ba na le maikaelelo a go
bopa le go kwadisa lekgotlana le le tsamaisang ditshupo tsa Serowe.

Ntswa a tlhaolositse fa madi a santse a tlhaela, Rre Rakhudu a re ba bone thotloetso ya madi a a kanang ka P 400 000 go tswa mo go ba CEDA, a tlatsa ka gore ba na le tumalano le bone gore ba tlaa tswelela ka go ba rotloetsa dingwaga tse pedi tse di tlang, ba ba rotletsa ka P50 000 ngwaga
mongwe le mongwe.

A re kompone nngwe ya Israel e ba rotloeditse ka P 250 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 15 Jul 2015