Mananeo a dira mo go kgatlhisang
14 Jul 2015
Moanamisa mafoko wa khansele ya Francistown, Rre Joseph Wasubera o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana a tsweletse ka go dira mo go kgatlhisang.
Rre Wasubera o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, a supa fa mananeo a e le nngwe tsela e e tsweletseng ka go dira pharologanyo ka jaana a tokafatsa seemo sa matshelo a ba ba amegang.
A re mananeo ao a akaretsa kapei ya dijo ka go farologana, go roka le ditshingwana tsa merogo.
Rre Wasubera a re banni ba toropo e ba le makgolo mabedi le masome a marataro le bone ba filwe mananeo a ka go farologana ga one e bile a a dira.
A re bangwe ba ikemetse ka bongwe ka bongwe fa bangwe ba dira ka ditlhopha tsa maloko a a sa feteng botlhano.
Rre Wasubera o bile a supa fa baikopedi ba le lekgolo, lesome le botlhano le bone ba filwe bontlha bongwe jwa didirisiwa tsa mananeo a ba a ikopetseng.
A re go na le tsholofelo e e nametsang gore ba tlaa fiwa didirisiwa tse di saletseng kwa morago mo nakong e e sa fediseng pelo ka jaana khansele e dira ka gotlhe go netefatsa gore tsotlhe di apare tshiamo.
Rre Wasubera o bile a supa fa mananeo a a tsweletse ka go gola ka jaana go gorogile a mangwe a masha, a re lengwe la one ke la go adimisa dipitsa.
A re bontsi jwa batho ba supile kgatlhego ka jaana ba le masome marataro le botlhano ba le ikopetse e bile ba setse ba filwe didirisiwa tsotlhe tse ba di tlhokang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 14 Jul 2015






