Breaking News

Ba ngongorega ka tiego ya peo ditsha

14 Jul 2015

Banni ba kgaolwana ya Moiyabana mo kgaolong ya Serowe borwa ba supile ngongorego ka go diega ga go beiwa ditsha.

Ba supile se ka Labone (09/07/2015) fa ba lephata la kabo ditsha ba ile go kwadisa ba eleng gone ba itekang lesego go batla ditsha.

Fa a ntsha ngongorego modulasetilo wa komiti ya banana ya kgaolwana a re ba amiwa thata ke kgang e ka jaana ba kgona go kokotletsa madi, ba a beetse kago mme ere morago ba palelwe ke go a baya ba felele ba a dirisa.

O kaile fa seemo se se ba dia go itirela ka jaana ba golela mo malwapeng a batsadi ka jalo ga ba a phuthuloga go ikakanyetsa go tsweledisa matshelo a bone. 

Mongwe wa banni mme Ontlametse Kekgabile a re ba kabo ditsha ba tshwanetse go ba tsibosa ka mabaka a dirang gore go nne le tiego ya go beiwa ga ditsha. O ne a tlatsa ka go re ba tshwanetse go bolelwa fa melao ya peo e fetolwa. 

Mongwe wa banana a re ba tshwanetse go itsisiwa fa ba kabo ditsha batla go kwadisa ba ba itekang lesego, eseng go tshoganetswa fela bas a itse sepe. Fa a ntsha la gagwe Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a re le ene o tshwenngwa ke tiego ya go beiwa ga ditsha ka jaana le ene a sa bone boroko ke dipotso tsa banni ka ditsha.

A re e ne yare ka kgwedi ya Hirikgong a bitsa borara jwa kgaolo go bua le bone ka kgang e, mme ba felela ba sekaseka mafelo a ba kabo ditsha baka segang ditsha teng. 

Kgosi Kgomokgwana a re erile ka ngwaga wa 2010 ba ntsha lefelo mme ga diriwa moalo o go neng ga supega fa o sa atlega ka lebaka la gore o ne o sa siama.

Fa a tsibogela dingongorego tsa banni modiri wa lephata la kabo ditsha Rre Batlang Mathiba a re ene yare ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga ba buisa diphuthego go bolelela banni ka mathata a bone a go diega ga go beiwa ditsha tsa bonno. A re lephata la bone ga le sa thole le dira thulaganyo ya go baya ditsha ba le nosi ka jalo ba bo ba emetse dikarabo mo maphateng a ba berekeng le o ne jaaka la khansele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Ramotlopi

Location : SEROWE

Event : Letsatsi la go kwadisa babatla ditsha

Date : 14 Jul 2015