Breaking News

Kgosi ya Kutamogoree e itumelela banana

14 Jul 2015

Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o tlhalosetse fa a leboga maiteko a puso a go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo ka go fa banni ba metse eo sebaka sa go thapiwa fa ba nang le bokgoni fa go na le diphatlha mo maphateng a puso ka go farologana.

Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa puso e tsweletse ka go thapa banni ba motse o ka bontsi, a re se se thusa ka ditlhabololo tsa motse. 

A re thata o leboga ba sepodise, sesole le ba lephata la magolegwa ka e le bone ba thapileng bontsi jwa banana ba motse wa Kutamogoree. 

O supile fa banana ba ka bontsi ba supa boikarabelo ka ba tsweletse ka go dira sentle kwa ditirong tsa bone e bile ba tlhokomela batsadi ba bone ka go ba agela le go ba rekela leruo go intsha mo lehumeng. 

A re ba bangwe ba ithaopile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo motseng ka go ba fa dijo le diaparo. 

O boletse fa a itumedisiwa ke gore bontsi jwa banana bao ga ba a lebala ko ba tswang teng mme ba tsweletse ka go tla gae fa ba sa theogela le go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa motse wa bone. 

Kgosi o supile fa se se dira gore banana ba tlhoafalele dithuto tsa bone gore ba kgone go bona ditiro tse di botoka, a bolela fa ba ba neng ba sa dira sentle mo dithutong tsa bone ba ikwadisetse go kwala gape. 

O ne a tlhalosa fa a ba rotloetsa go tsena ko Brigades go ithuta ditiro tsa diatla gore ba kgone go itshemololela dikgwebo ba thape banana ba bangwe.

Go sale foo, Kgosi o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tlhabolola motse ka ba kgonne go dira masakana a go latlhelang matlakala mo go one. 

O supile fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le thusitse banni ka bontsi jwa bone ba ikagetse matlo ka dikatso tseo fa ba bangwe ba itheketse dipodi mme se se ba ntshitse mo lehumeng. 

A re lenaneo le le thusitse badiri ba Ipelegeng fela thata ka bangwe ba tla go bereka ba sa ja sepe.

Le fa go ntse jalo, Kgosi o ntshitse matshwenyego a gore bangwe badiri ba Ipelegeng ga ba theogele sentle, ba nna malatsi ba sa bonale ko tirong ntle le ntsha lebaka. 

A re bangwe batla tirong ba nole, a tlhalosa fa tiro ya Ipelegeng e tshwana le ditiro tse dingwe ba tshwanelwa ke go reetsa le go tlotla mogolwane wa bone ka dinako tsotlhe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 14 Jul 2015