Breaking News

Tirisanyo mmogo e a rena kwa Thini

14 Jul 2015

Balemi ba kgotla ya Thini kwa Tutume ba supile fa tirisano mmogo magareng ga balemi le molemisi e le e e nametsang thata.

Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa kgotleng eo, Mme Naiye Nyanga o boletse seo ka letsatsi la go ipelela thobo kwa kgotleng eo.

Mme Nyanga a re molemisi yoo, Rre Phate o dirile gore ba kgone go lomagana ba le balemi ba Tutume ka jalo ba setse ba le seopo sengwe ka seo se ba diretse tiro motlhofo ka ba kgona go abelana megopolo le maele ka fa ba ka tlhofofatsang temo ya bone ka teng.

A re gape o bolaile mowa o o neng o fitlhela batho ba ikgaogantse ka dikgotla ba le makgamu ntswa ba le balemi ba motse o le mongwe ba tshwanetse go thusana ka megopolo le go abelana megopolo ka fa ba ka godisang temo mo kgaolong ka teng.

A gatelela ka gore tomagano le lerato le molemi a nang le lone mo balemi le kgonne go dira pharologanyo mo matshelong a bone jaanong ba bereka ba le ngata e le nngwe ebile ba solofela fa go ya pele ba tla okela banana mo temong gape ba rotloetsa balemi ba bangwe go lema ka ditselana se ba lemogile fa balemi ka bontsi ba setse ba se amogela.

Rre Norman Nyanga yo o neng a bua a emetse balemi o ne a bolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi thata mo temong, di tshwana le
loapi lo lo sa ikanyegeng,diji le tiego ya go phakisiwa dipeo.

Rre Nyanga o ne a ngongorega ka tiego e tsewang ke balemisi go tlhatlhoba diji ba balemi ba di ba begetseng, a re balemisi ba tsaya nako ba santse ba kanoka mme thuso e ye go tla morago diji tsone di setse di feditse dijalo.

O ne a re gape dipeo di phakisiwa morago ga nako ka jalo a kopa gore balemi ba simolole go phakisiwa dipeo ka kgwedi ya Phatwe. Rre Nyanga o ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo nako e santse e le teng ka ebile mosele wa pula o epiwa go sale gale.

Mongwe wa dibui, Rre Khumo Mmoloki o ne a kopa balemi go tlhwaafalela temo. A ba gwetlha go dirisa maranyane a segompieno go tokafatsa
temo.

Rre Mmoloki a re fa e sale go tlhomiwa lenaneo la ISPAAD ka ngwaga wa 2008 go rotloetsa balemi, balemi ba supile kgatlhego thata ya go
lema.

A re mo Tutume balemi ba le makgolo mane le masome mabedi le bone ba ne ba lemile diekere tse di 784 mme ba bona dithane di le masome mane le borobabongwe ka ngwaga wa 2012/2013 mme ya re ka ngwaga wa temo wa 2013/2014 ga lema ba le makgolo mane le botlhano diekere tse di 1030 mme ba bona dithane tse di lekgolo le masome mabedi le borataro.

O ile a gwetlha balemi bao go tlogela go dira mo Ipelegeng ka nako ya temo mme ba tlhokomele masimo a bone ka mo go one ba kgona go ijesa mme seo se tokafatse matshelo a bone ba tlogele go ikaega ka puso ka tiro ya Ipelegeng e le ya nakwana gape e sa kgone go tsaya palo e ntsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Letsatsi la go ipelela thobo

Date : 14 Jul 2015